bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Peter 5
1 Peter 5
Tswana Setswana 1970
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
1
Jaanong ke kaela bagolo ba phuthego ba ba mo go lona, ke le mogolo-ka-bone le mosupi wa dipogo tsa ga Keresete, ke bile ke tlhakanetse nae kgalalelo e e tla senolwang,
2
ke re: Fudisang letsomane la Modimo le le mo go lona, e seng ka go patelediwa, mme e nne ka bopelotshweu ka fa thatong ya Modimo; e seng ka go ipatlela khumo e e maswe, mme e nne ka pelo yotlhe;
3
e seng jaaka barena ba diphuthego, mme lo nne dikao tsa letsomane.
4
Mme lo tla bona serwalo sa kgalalelo se se sa swabeng mogang Modisa yo mogolo a bonalang.
5
Le lona ba bašwa, utlwang bagolo, mme lotlhe direlanang ka boikokobetso; gonne “Modimo o ganetsa ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba naya boitshwarelo.”
6
Ka moo, ikokobeletseng letsogo le le thata la Modimo gore o tle o lo godise ka nako e e leng yona.
7
Latlhelang matshwenyego otlhe a lona mo go one, gonne lo tlamelwa ke one.
8
Nnang tekano lo itise; gonne Diabolo, moganetsi wa lona, o kgarakgatshega jaaka tau e e dumang, a batla yo a ka mo metsang.
9
Lo emelane nae ka go tlhomama mo tumelong, ka lo itse gore tsona dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng.
10
Mme Modimo wa bopelotlhomogi jotlhe o o lo bileditseng kgalalelong ya ona e e sa khutleng ka Keresete, e tla re lo sena go boga sebakanyana, o lo dire botlalo, o lo tiise, o lo thatafatse, o lo tlhomamise.
11
Kgalalelo le thata ke tsa ona go ya bosakhutleng. Amen.
12
Ke lo kwaletse ka bokhutshwane ka Silefano, mokaulengwe yo o ikanyegang, ka fa ke mo lebileng ka teng, ke lo kgothatsa, ke supa gore ke jona bopelotlhomogi jwa nnete jwa Modimo jo lo emeng mo go jona.
13
Phuthego e e tlhaotsweng le lona ya mono Babilone le Mareko, morwaake, ba a lo dumedisa.
14
Dumedisanyang ka katlo ya lorato. A kagiso e nne le lona lotlhe, ba lo leng mo go Keresete!
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
All chapters:
1
2
3
4
5