bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Timothy 2
1 Timothy 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 3 →
1
Jaanong ke kaela pele ga tsotlhe gore dikopo le dithapelo le dithapelelo le ditebogo di direlwe batho botlhe,
2
le dikgosi le botlhe ba ba leng bagolo, gore re nne le bophelo jwa boiketlo le tidimalo ka poifo-Modimo yotlhe le ka tlotlego.
3
Go dira jalo go molemo, go bile go natefela Modimo, Morepholosi,
4
o o ratang gore batho botlhe ba pholosiwe le go fitlha mo kitsong ya boammaaruri.
5
Gonne go Modimo o le mongwe fela le motsereganyi a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, e bong Keresete Jesu, a le motho,
6
yo o ineetseng go nna tefo ya kgololo ya botlhe; ke yona tshupo e e tla rerwang ka metlha e e leng yona,
7
e ke laotsweng go nna motlhaba-mokgosi le moapostolo wa yona le moruti wa baheitane go ba isa mo tumelong le mo boammaaruring; ke bua nnete mo go Keresete, ga ke ake.
8
Ke ka moo ke ratang gore banna ba rapele mo mafelong otlhe, ba tsholeditse mabogo a a boitshepo kwa ntle ga bogale le pelaelo.
9
Le gona jalo ke rata gore basadi ba kgabe ka diaparo tse di tshwanetseng ka tshisimogo le ka tekano, e seng ka meriri e e logilweng le ka gouta, gongwe ka ditalama le diaparo tsa tlhotlhwa e kgolo,
10
mme e nne ka ditiro tse di molemo jaaka go tshwanetse basadi ba ba ratang go supa poifo-Modimo.
11
A mosadi a ithute mo tidimalong ka boikokobetso jotlhe.
12
Ga ke letlelele mosadi go ruta, le fa e le go laola monna, mme a a nne mo tidimalong.
13
Gonne Atame o bopilwe pele, Efa a bopiwa morago.
14
Le gona Atame ga a ka a tsiediwa, mme mosadi ene a tsiediwa, a wela mo molatong.
15
Mme o tla pholosiwa ka go belega bana, fa basadi ba ka nna ba ntse ba le mo tumelong le mo loratong le mo boitshepisong jo bo nang le tekano.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6