bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
1 Timothy 3
1 Timothy 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 4 →
1
Lefoko le le boikanyo ke le: Fa motho a batla tiro ya boruti, o eletsa tiro e e molemo.
2
Mme jaanong modisa wa phuthego o tshwanetse a bo a se na molato, e le monna wa mosadi a le mongwe fela, a le tekano, a na le tlhaloganyo, a na le mekgwa e mentle, a tshola baeng, a nonofile mo go ruteng;
3
e se letagwa, a se borumolano, e se mmatli wa mahumo ka mokgwa o o maswe, mme a le tsalano, e se motho wa kgang, e se morati wa madi;
4
e le yo o laolang lelapa la gagwe sentle, a na le bana ba ba utlwang ka tlotlego yotlhe.
5
Fa motho a sa itse go laola lelapa le e leng la gagwe, o ka babalela jang phuthego ya Modimo?
6
A e se nne motho yo mošwa tumelong, e se re gongwe a ikgogomosa, a wela mo tshekisong ya ga Diabolo.
7
E bile o tshwanetse go nna le tumo e e siameng mo go ba ba kwa ntle gore a se wele mo kgobong le mo serung sa ga Diabolo.
8
Badiredi le bone ba tshwanetse go nna batho ba tlotlego, ba se diteme-pedi, ba sa itlopele bojalwa, ba sa batle mahumo ka mokgwa o o maswe,
9
ba tshegeditse bosaitsiweng jwa tumelo ka segakolodi se se itshekileng.
10
Le bone a ba tlhatlhojwe pele; ke gona ba ka dirang tiro ya bodiredi, fa ba se na nyatsego.
11
Le bone basadi a e nne ba ba tlotlegang, e se balatofatsi; a ba nne tekano le boikanyo mo dilong tsotlhe.
12
A modiredi mongwe le mongwe a nne le mosadi a le mongwe fela, e nne ba ba laolang bana ba bone le malapa a bone sentle;
13
gonne ba ba dirileng sentle ka tiro ya bodiredi ba bona boemo jo bo molemo le namatshego e kgolo mo tumelong ya go dumela mo go Keresete Jesu.
14
Dilo tseo ke di go kwalela ka tsholofelo ya gore ke tla akofa ke tla koo go wena,
15
gore e re fa nka diega, o be o itse ka fa go tshwanetseng ga dirwa ka teng mo ntlong ya Modimo e e leng phuthego ya Modimo o o tshelang, le pinagare le motheo wa boammaaruri.
16
Mme ga go na pelaelo, bosaitsiweng jwa poifo-Modimo bo bogolo jwa go re: Jesu o bonaditswe mo nameng, a supelwa tshiamo ke Mowa, a bonwa ke baengele, a rerwa mo baheitaneng, a dumelwa mo lefatsheng, a tsholediwa ka kgalalelo.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6