bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Acts 12
Acts 12
Tswana Setswana 1970
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 13 →
1
E rile ka sebaka seo kgosi Herote a tshwara bangwe ba phuthego go ba direla tse di setlhogo.
2
A bolaya Jakobo, morwa-rraagwe Johane, ka tšhaka.
3
Ya re a bona gore go kgatlhile Bajuta, a tswelela pele, a tshwara le ene Petoro. Mme ya bo e le malatsi a Dinkgwe tse di sa bedisiwang.
4
Ya re a sena go mo tshwara, a mo tsenya mo ntlong ya kgolegelo, a mo neela ditlhophana tse nne tsa batlhabani, tse go leng ba le bane mo go sengwe le sengwe, go mo disa; mme a ikaeletse gore e tle e re Tlolaganyo e sena go feta, a mo sekise fa pele ga morafe.
5
Petoro a disiwa jalo mo ntlong ya kgolegelo; mme phuthego ya nna ya mo rapelela fa pele ga Modimo.
6
E rile ka jona bosigo joo, fa Herote a tla tsoga a mo ntsha, Petoro a bo a robetse fa gare ga batlhabani ba le babedi, a golegilwe ka dikeetane tse pedi, balebeledi ba le fa mojako, ba disitse ntlo ya kgolegelo.
7
Mme moengele wa Morena a ema fa go ene ka tshoganyetso, le lesedi la phatsima mo ntlong; mme a batola Petoro fa letlhakoreng, a mo tsosa a re: “Tsoga ka bonako!” Mme dikeetane tsa wa mo mabogong a gagwe.
8
Moengele a ba a mo raya a re: “Itlame o rwale ditlhako tsa gago!” Petoro a dira jalo. Jaanong a mo raya a re: “Apara kobo ya gago o ntshale morago!”
9
A tswa, a mo sala morago, mme a bo a sa itse gore a se se dirilweng ke moengele ke nnete; a itlhoma a bona pono fela.
10
Ya re ba sena go feta balebeledi ba ntlha le ba bobedi, ba fitlha fa setswalong sa tshipi sa kgoro e e tswelang kwa motseng; mme sona sa ba ipulela. Ba tswa, ba tsamaya go fitlha mokgwatheng o o kgabaganyang; foo moengele a akofa a kgaogana nae.
11
Ya re Petoro a sena go sedimogelwa, a re: “Jaanong ke itse gore ruri Morena o romile moengele wa gagwe, a nkgolola mo seatleng sa ga Herote le mo go tsotlhe tse morafe wa Bajuta o neng o di lebeletse.”
12
Ya re a sena go lemoga jalo, a ya kwa ntlong ya ga Maria, mma Johane yo leina le lengwe la gagwe e leng Mareko, kwa ba bantsi ba neng ba phuthegetse teng, ba rapela.
13
Ya re a konyakonya setswalo sa kgoro, lelata le le bidiwang Rote la tla go reetsa.
14
A lemoga lentswe la ga Petoro, a se ka a bula kgoro ka ntlha ya boitumelo, mme a tabogela mo teng, a bolela gore Petoro o eme fa kgorong.
15
Ba mo raya ba re: “O a tsenwa.” Mme ene a tlhomamisa thata gore go ntse jalo. Bone ba re: “Ke moengele wa gagwe.”
16
Mme Petoro a nna a konyakonya. Ya re ba sena go bula, ba mmona, ba be ba tseana.
17
A ba boka ka seatla gore ba didimale, a ba bolelela ka fa Morena a mo ntshitseng mo ntlong ya kgolegelo ka teng; a ba a re: “Bolelang Jakobo le bakaulengwe dilo tseo.” Mme a tloga a ya felong go sele.
18
Ya re bo sena go sa, ga nna khuduego e kgolo mo batlhabaning gore go dirafetse eng ka Petoro.
19
Ya re Herote a sena go mmatla, mme a sa mmone, a sekisa balebeledi, a laela gore ba bolawe; a tloga mo Jutea, a ya kwa Kaisarea, a nna teng.
20
O ne a galefetse ba Tiro le ba Sitone thata. Mme bone ba tla go ene ka bongwefela jwa pelo, ba itsalanya le Belaseto, modisa wa marobalo a kgosi, ba kopa kagiso; ka gonne lefatshe la bone le ne le jesiwa ke lefatshe la kgosi.
21
Ya re ka letsatsi le le beilweng Herote a apara diaparo tsa bogosi, a nna mo sennong sa bogosi, a bua le bone.
22
Ke fa batho ba kua ba re: “Ke lentswe la modimo, ga se la motho.”
23
Moengele wa Morena a mo itaya ka bonako, ka a se ka a naya Modimo tlotlo. Mme a jewa ke diboko, a swa.
24
Mme Lefoko la Modimo la gola, la ntsifala.
25
E rile Baranaba le Saule ba sena go fitlhisa dithuso tsa Antiogia, ba boa kwa Jerusalema, ba na le Johane yo leina le lengwe la gagwe e leng Mareko.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28