bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Acts 28
Acts 28
Tswana Setswana 1970
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
1
E rile re sena go phologa, ra utlwa go twe, setlhake seo se bidiwa Maleta.
2
Batho ba teng ba re direla ka botsalano jo bogolo; ba ne ba re gotsetsa molelo, ba re tshola rotlhe ka ntlha ya pula e e neng e na le ka ntlha ya serame.
3
Jaanong ya re Paulo a sena go rwalela ngata ya dikgong le go di baya mo molelong, ga tswa noga, e ntshitswe ke bolelo, ya mo palama letsogo.
4
Fa batho ba teng ba bona noga e lepeletse mo seatleng sa gagwe, ba raana ba re: “Ruri, motho yo ke mmolai; le fa a falotse lewatleng, pusoloso ga e mo leseletse go phela.”
5
Mme ene a tlhotlhorela noga mo molelong, a se ka a direga sepe.
6
Bone ba bo ba lebeletse gore o tla ruruga, gongwe a wele fa fatshe, a swe ka bonako. Ya re ba sena go lebelela nako e telele, mme ba sa bone sepe se se bosula se mo tlela, ba fetoga mogopolo ba re: “Ke modimo.”
7
Mo tikologong ya felo foo go ne go le masimo a mookamedi wa setlhake yo leina la gagwe e leng Pubilio, yo o neng a re tshola, a re babalela ka botsalano malatsi a le mararo.
8
Jaanong rraagwe Pubilio o ne a robetse fatshe, a tshwerwe ke go fisa le go tsholola madi; Paulo a ya kwa go ene, a rapela, a ba a mmaya diatla, a mo fodisa.
9
Ya re go sena go dirafala jalo, ga tla le ba bangwe ba setlhake ba ba nang le malwetse, ba fodisiwa.
10
Bao le bone ba re tlotla gagolo; ya re re tsamaya, ba re abela tse re di tlhokang.
11
Morago ga dikgwedi di le tharo ra tsamaya ka mokoro wa Aleksanteria o o neng o nnetse mariga fa setlhakeng; letshwao la one e ne e le Kastore le Polokese.
12
Ya re re fitlha kwa Sirakuse, ra tlhola malatsi a le mararo teng.
13
Ra ba ra tswa teng, ra fitlha mo Regio; ya re morago ga letsatsi le le lengwe fela ga tsoga phefo ya borwa; mme ka letsatsi la bobedi ra fitlha kwa Puteoli.
14
Teng ra fitlhela badumedi, ra rapelwa gore re nne malatsi a a supang nabo; morago ra fitlha kwa Roma.
15
E rile bakaulengwe ba re utlwela, ba tswa teng, ba tla go re kgatlhantsha kwa Patlelong ya ga Apio le kwa Matlong-mararo-a-baeti. Ya re Paulo a ba bona, a leboga Modimo, a ba a namatshega.
16
E rile re sena go tsena mo Roma, molaodi-wa-lekgolo a neela molaodi wa bafemedi ba Kaisara bagolegwi, mme Paulo a letlelelwa go nna a le esi le motlhabani yo o mo disitseng.
17
Morago ga malatsi a le mararo a phutha baeteledipele ba Bajuta; ya re ba sena go phuthega, a ba raya a re: “Banna, bakaulengwe, le fa ke sa dira sepe se se lwantshang morafe wa ga etsho gongwe mekgwa ya borraetsho, ke neetswe mo diatleng tsa Baroma ke le mogolegwi, ke tswa kwa Jerusalema.
18
Bone, e rile ba sena go mpotsolotsa, ba rata go nkgolola, ka go se na molato ope wa loso mo go nna.
19
Ya re Bajuta ba ganetsa, ka patelesega go ipiletsa Kaisara, e se gore ke na le sengwe se ke latofatsang morafe wa ga etsho ka sona.
20
Jaanong ke ka ntlha ya moo ke kopileng go lo bona le go bua le lona; gonne ke golegilwe ka keetane ena ka ntlha ya tsholofelo ya Iseraele.”
21
Ba mo fetola ba re: “Ga re a amogela dikwalo tse di tswang kwa Jutea ka ga gago; le gona ga go a tla ope wa ba ga rona go bolela le fa e le go bua sepe se se bosula ka ga gago.
22
Le gale re fitlhela e le tshwanelo gore re utlwe mo go wena se o se gopolang; gonne fa e le thuto eo, re itse gore e ganediwa ntlheng tsotlhe.”
23
Ya re ba sena go mmeela letsatsi, ba bantsi ba tla kwa go ene mo ntlong e o ntseng mo go yona, a ba phuthololela tsa puso ya Modimo, a supa ka ga yona; go tloga mosong go ya maitsiboeng a leka go ba kgona ka molao wa ga Moše le ka baporofeti gore ba dumele mo go Jesu.
24
Bangwe ba dumela tse a di buileng, ba bangwe ba se ka ba dumela.
25
Ya re ba sa dumelelane, ba phatlalala, Paulo a sena go bua lefoko le le lengwe a re: “Mowa o o Boitshepo o buile sentle le borraeno ka moporofeti Jesaya
26
wa re: “ ‘Yaa kwa morafeng oo o re: Go utlwa lo tla utlwa, mme ga lo nke lo tlhaloganya ka gope; le go leba lo tla leba, mme ga lo nke lo bona ka gope;
27
gonne dipelo tsa morafe o di thatafaditswe, ba kabetse ditsebe, ba ipuduladitse matlho, e se re gongwe ba bona ka matlho, ba utlwa ka ditsebe, ba tlhaloganya ka dipelo, ba sokologa, mme ka ba fodisa.’
28
“Ka moo he, itseng gore pholoso e ya Modimo e rometswe kwa baheitaneng; e bile bona ba tla utlwa.”
29
Ya re a sena go bua jalo, Bajuta ba tsamaya, ba le mo kganetsanyong e kgolo.
30
Paulo a nna dinyaga di le pedi tse di tletseng mo ntlong e o e adimileng ka tuelo, a tshola batho botlhe ba ba tlang go ene,
31
a rera puso ya Modimo, a ba a ruta tsa Morena Jesu Keresete ka phuthologo yotlhe, go se na kgoreletso.
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28