bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Hebrews 1
Hebrews 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 2 →
1
E rile Modimo o sena go bua gantsi le ka mekgwa e mentsi le borraetsho ka baporofeti mo metlheng ya bogologolo,
2
wa bua le rona mo bofelong jwa malatsi ano ka Morwaa-ona yo o mmeileng morua-boswa wa dilo tsotlhe, yo e bileng o dirile mafatshe ka ene.
3
Ke ene marang a kgalalelo ya ona le setshwano sa bodimo jwa ona, o tshegeditse dilo tsotlhe ka lefoko la thata ya gagwe; ya re a sena go dira phepafatso ya dibe, a nna ka fa letsogong le le jang la Borena kwa magodimong,
4
a nna mogolo go feta baengele, jaaka a filwe boswa jwa leina le legolo bogolo go maina a bone.
5
Gonne ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re: “O Morwaake, ke go tsetse kajeno”? Wa ba wa re: “Ke tla nna rraagwe, mme ene o tla nna Morwaake”?
6
Mme e tla re o tsisa Motsalwapele gape mo lefatsheng, o laele o re: “Baengele botlhe ba Modimo ba tshwanetse go mo obamela.”
7
Fa e le ka ga baengele, o buile wa re: “O dira baengele ba ona diphefo le badiredi ba ona dikgabo tsa molelo.”
8
Mme o raya Morwa o a re: “Modimo, sedulo sa bogosi sa gago ke sa bosakhutleng; thobane ya bogosi jwa gago ke thobane ya tshiamo.
9
O ne o rata tshiamo, mme o tlhoa tshiamololo; ke gona ka moo, Modimo, Modimo wa gago o go tloditseng lookwane lwa boitumelo go gaisa balekane ba gago.”
10
Gape wa re: “Wena Morena, o theile lefatshe mo tshimologong, magodimo ke ditiro tsa diatla tsa gago.
11
Tseo di tla nyelela, mme wena o nnetse ruri, mme tsona tsotlhe di tla onala jaaka seaparo.
12
O tla di mena jaaka kobo, jaaka seaparo, di tla fetolwa, mme wena o ntse o le yo o leng ene; dinyaga tsa gago ga di nke di khutla.”
13
Mme ke ofe wa baengele yo o kileng wa mo raya wa re: “Dula ka fa letsogong la me le le jang, ke tle ke tsamae ke dire baba ba gago sebeo sa dinao tsa gago”?
14
Bone botlhe a ga se mewa e e direlang, e e romelwang tirelong ka ntlha ya ba ba tla ruang pholoso boswa?
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13