bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Hebrews 2
Hebrews 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 3 →
1
Ke ka moo re tshwanetseng go tlhokomela bogolo dilo tse re di utlwileng, e se re gongwe ra latlhegelwa ke pholoso.
2
Gonne fa lefoko le le builweng ke baengele le ne le tlhomama, le tlolo nngwe le nngwe le go gana go utlwa go ne go amogela petso e e tshwanetseng,
3
rona re ka falola jang, fa re tlhokomologa pholoso e e kalokalo? Ke e e rileng e sena go bolelwa pele ke Morena, rona ra e tlhomamisediwa ke ba ba e utlwileng;
4
Modimo o ntse o supa mmogo le bone ka ditshupo le dikgakgamatso le dithata tse dintsi le dikabo tsa Mowa o o Boitshepo ka fa thatong ya ona.
5
Gonne lefatshe le le tlang, le re buang ka ga lone, ga o a le baya mo taolong ya baengele;
6
mme mongwe o supile felong gongwe a re: “Kana motho ke eng, fa o mo gopotse, gongwe ngwana wa motho ke eng, fa o mmabalela?
7
O mo tlhaedisitse baengele ka sebakanyana fela, mme morago wa mo rwesa kgalalelo le tlotlo, wa mo laodisa ditiro tsa diatla tsa gago;
8
dilo tsotlhe wa di baya fa tlase ga dinao tsa gagwe.” Mme kana ka go baya dilo tsotlhe fa tlase ga gagwe, ga o a ka wa sadisa sepe se se seng mo taolong ya gagwe. Mme kajeno ga re ise re bone, fa dilo tsotlhe di beilwe mo taolong ya gagwe.
9
Mme ene yo o ne a fetwa ke baengele ka sebakanyana, e bong Jesu, re mmona a rwesitswe kgalalelo le tlotlo ka ntlha ya pogiso ya loso gore a utlwele mongwe le mongwe loso ka bopelotlhomogi jwa Modimo.
10
Gonne go ne go tshwanetse ona o dilo tsotlhe di leng ka ntlha ya ona, o dilo tsotlhe di leng ka ona, o o gogetseng bana ba bantsi kwa kgalalelong, gore o ise mosimolodi wa pholoso ya bona kwa botlalong ka dipogo.
11
Gonne fa e le yo o itshepisang le ba ba itshepisiwang, botlhe ba tswa mo go a le mongwe fela; ke ka moo a sa tlhajweng ke ditlhong go ba bitsa bomorwa-rraagwe,
12
fa a re: “Ke tla bolelela bomorwa-rre leina la gago, ke go opelela mo gare ga phuthego.”
13
A bile a re: “Nna ke tla mo ikanya;” a ba a re: “Bona, ke fano le bana ba Modimo o ba nneileng.”
14
Jaanong e re ka bana ba na le madi le nama, le ene a nna natso fela jalo, gore a nyeletse ka loso ene yo o nang le thata ya loso, e bong Diabolo,
15
a be a golole botlhe ba ba neng ba le mo bokgobeng botshelong jotlhe ka go boifa loso.
16
Gonne ruri ga se baengele ba o ba thusang, mme o thusa ba losika lwa ga Aborahame.
17
Ke ka moo o neng a tshwanetse go nna fela jaaka bomorwa-rraagwe mo dilong tsotlhe gore a nne kutlwelo-botlhoko, a nne moperesiti yo mogolo yo o ikanyegang mo dilong tse di lebanyeng Modimo, a tle a batlele batho boitshwarelo jwa dibe.
18
Gonne e re ka a bogile ka esi ka go raelwa, o nonofile go thusa ba ba raelwang.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13