bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Joshua 16
Joshua 16
Tswana Setswana 1970
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 17 →
1
Molelwane wa naga e Bajosefa ba e abetsweng ka tengwa o ne o simologa fa Joretane kwa Jerigo ntlheng ya botlhabatsatsi ya metsi a Jerigo, mme go tswa teng o ya kwa sekakeng, o be o tlhatlogela kwa dithabeng tsa Bethele.
2
Jaanong go tswa kwa Bethele o ne o ya kwa Luse, o fetela pele kwa nageng ya Baaregi kwa Atarothe.
3
O be o fologela kwa bophirimatsatsi kwa nageng ya Bajafelete go ya go fitlha kwa nageng ya Bethorone yo o kwa tlase le go ya kwa Gesere. O be o felela fa lewatleng.
4
Ke fa bomorwa Josefa, e bong Manase le Eferaime, ba neng ba bona kabelo ya naga teng.
5
Naga ya Baeferaime ka fa ditshikeng tsa bone e ne e ntse jaana: Molelwane wa kabelo ya bone o ne o ya kwa botlhabatsatsi kwa Aterothe-Atare go ya go fitlha kwa Bethorone yo o kwa godimo.
6
Molelwane o be o fetela pele kwa lewatleng, o pota Migemethathe mo ntlheng ya borwa. Molelwane o be o thelela, o ya kwa botlhabatsatsi kwa Thaanatšhilo, o mo pota ka fa ntlheng ya botlhabatsatsi, o ya kwa Janoa.
7
Go tswa kwa Janoa o fologela kwa Atarothe le kwa Naara, o ama Jerigo, o felela fa Joretane.
8
Go tswa kwa Thaphua molelwane o ne o ya kwa bophirimatsatsi kwa nokaneng ya Kana, o felela fa lewatleng. Ke yona kabelo ya lotso lwa Baeferaime ka fa ditshikeng tsa bone
9
mmogo le metse e e segetsweng Baeferaime mo gare ga naga ya Bamanase, metse yotlhe le metsana ya yona.
10
Mme ba se ka ba leleka Bakanana ba ba agileng kwa Gesere. Bakanana ba nna jalo mo gare ga Baeferaime go fitlha letsatsing leno. Fela ba nna batlhanka, ba ba direla.
← Chapter 15
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 17 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24