bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Joshua 3
Joshua 3
Tswana Setswana 1970
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 4 →
1
Ya re ka moso Jošua a phakela, ene le Baiseraele botlhe, ba tloga kwa Sitime ba fitlha fa Joretane, ba lala gona ba ise ba tshele.
2
Ya re malatsi a le mararo ale a se na go feta, balaodi ba ralala bothibelelo,
3
ba laola morafe ba re: “E re lo bona Letlole la Kgolagano ya Morena, Modimo wa lona, le sikerwe ke baperesiti ba Balefi, le lona lo bolole mafelong a lona, lo le sale morago.
4
Fela a go nne sebaka fa gare ga lona le lone, e ka nna selekanyo sa mabogo a le kete tse pedi. Lo se ka lwa le atamela gore lo tle lo itse tsela e lo tla tsamayang ka yona; gonne ga lo ise lo ke lo sepele mo tseleng e ka gope.”
5
Mme Jošua a raya morafe a re: “Iitshepiseng, gonne kamoso Morena o tla dira dikgakgamatso mo gare ga lona.”
6
Jošua a ba a raya baperesiti a re: “Sikarang Letlole la Kgolagano, lo etelele morafe pele.” Ba le sikara, ba etelela morafe pele.
7
Mme Morena a raya Jošua a re: “Ka letsatsi la kajeno ke tla simolola go go dira mogolo mo matlhong a Baiseraele botlhe, ba tle ba lemoge gore ke na nao jaaka ke ne ke na le Moše.
8
Mme jaanong o laele baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano o re: ‘E re fa lo tsena mo metsing fa thoko ga Joretane, lo eme mo go ona.’ ”
9
Ke fa Jošua a raya Baiseraele a re: “Atamelang kwano lo utlwe mafoko a Morena, Modimo wa lona.”
10
Jošua a ba a re: “Se lo tla lemogang ka sona gore Modimo o o phelang o mo gare ga lona le gore ruri o tla leleka Bakanana le Bahethe le Bahewi le Baferesi le Bagiregasi le Baamori le Bajebusi fa pele ga lona,
11
ke se: Lo tla bona Letlole la Kgolagano ya Morena wa lefatshe lotlhe le tshela, le lo etelela pele mo Joretane.
12
Jaanong itlhaoleleng banna ba le some pedi mo ditsong tsa Iseraele, lotso longwe le longwe lo ntshe a le mongwe.
13
Mme e tla re dipato tsa dinao tsa baperesiti ba ba sikereng Letlole la Morena, la Morena wa lefatshe lotlhe, di gata mo metsing a Joretane, metsi a Joretane a kgaolwe. Metsi a Joretane a a tswang kwa godimo a tla ema jaaka lobota lo le longwe.”
14
Jaanong morafe wa tloga mo ditenteng tsa ona go tshela Joretane, baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano ba ntse ba eteletse morafe pele.
15
Joretane o ne a tlaletse ruri go penologela mo dintshing ka malatsi aotlhe a thobo. Ya re baperesiti ba ba sikereng Letlole ba fitlha fa Joretane, mme dinao tsa bone di ikina mo metsing a a fa losing,
16
metsi a a fologang kwa godimo a ema, a gogomoga, a nna mokoa o le mongwe kgakala thata kwa motseng wa Atame o o bapileng le wa Sarethane; mme metsi a a fologelang kwa Lewatleng la Sekaka kwa Lewatleng la Letswai a fela, a kgaogela ruri. Jaanong morafe wa tshela o lebaganye le Jerigo.
17
Jaanong baperesiti ba ba sikereng Letlole la Kgolagano ya Morena ba bo ba eme fa go omileng fa gare ga Joretane, Baiseraele botlhe ba ntse ba tshela fa go omileng, ga tsamaya setšhaba sotlhe sa fetsa go tshela Joretane.
← Chapter 2
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 4 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24