bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Judges 12
Judges 12
Tswana Setswana 1970
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 13 →
1
Jaanong banna ba Eferaime ba kuiwa, ba ya kwa bokone, ba feta ba raya Ifetha ba re: “Ke ka ntlha ya eng fa e rile o bolola go tlhabana le Baamone, wa se ka wa re bitsa go ya nao? Re tla go tshubela mo ntlong ya gago ka molelo.”
2
Mme Ifetha a ba fetola a re: “Nna le morafe wa me re ne re le mo ntweng e kgolo thata le Baamone, ka lo kua, mme lwa gana go tla go mpholosa mo diatleng tsa bone.
3
Jaanong ya re ke bona lo sa nthuse, ka tsenya bophelo jwa me mo kotsing, ka bololela Baamone, mme Morena a ba neela mo diatleng tsa me. Ke ka ntlha ya eng fa lo mpololetse kajeno go tlhabana le nna?”
4
Ke fa Ifetha a kgobokanya banna botlhe ba Gileate, a tlhabana le Baeferaime, mme ba bolaya Baeferaime; ka gonne Baeferaime ba ne ba buile ba re: “Lo bafalodi ba Eferaime fela;” Gileate o fa gare ga Eferaime le Manase.
5
Mme ba Gileate ba tseela Baeferaime matsibogo a Joretane. Jaanong e ne ya re fa motshabi wa Baeferaime a re: “Nteng ke tshele!” banna ba Gileate ba mmotse ba re: “A o Moeferaime?” Fa a re: “Nnyaya!”
6
ba mmuise ba re: “E re Šibolethe!” Mme fa a re Sibolethe, a sa ele tlhoko go bua ka tshwanelo, ba mo tshware ba mmolae fa matsibogong a Joretane. Ka sebaka seo ga bolawa Baeferaime ba le 42 000.
7
Ifetha e ne e le tlhogo ya Baiseraele dinyaga tse thataro. Ifetha wa kwa Gileate a ba a swa, a fitlhwa mo motseng wa gagwe kwa Gileate.
8
Sehularong sa gagwe Baiseraele ba okamelwa ke Ibesane wa kwa Betleheme.
9
Ene o ne a na le bomorwa ba le 30, a nyadisa bomorwadie ba ba 30 ba tswa lapeng la gagwe, a ba a nyadisa bomorwawe basadi ba le 30 ba tswa kwa gongwe. A atlhola Iseraele dinyaga di supa.
10
Ibesane a ba a swa, a fitlhwa mo Betleheme.
11
Sehularong sa gagwe Baiseraele ba busiwa ke Elone wa Mosebulone; a etelela Iseraele pele dinyaga di le some.
12
Elone wa Mosebulone a ba a swa, a fitlhwa kwa Ayalone, mo nageng ya Sebulone.
13
Sehularong sa gagwe Baiseraele ba siamisediwa ke Abetone morwa Hilele wa kwa Phirathone.
14
A na le bomorwa ba le 40 le bana ba bana ba le 30 ba ba palameng diesele di le 70. A siamisetsa Baiseraele dinyaga di le 8.
15
Abetone morwa Hilele wa kwa Phirathone a ba a swa, a fitlhwa kwa Phirathone mo nageng ya Eferaime mo thabeng ya Amaleke.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21