bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Judges 13
Judges 13
Tswana Setswana 1970
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 14 →
1
Mme Baiseraele ba fela ba dira tse di bosula mo matlhong a Morena. Ke fa Morena a ba neela mo diatleng tsa Bafelesita dinyaga di le 40.
2
Jaanong ga bo go le monna mongwe wa losika lwa ga Dane kwa Sorea, yo leina la gagwe e leng Manoa. Mosadi wa gagwe o ne a le moopa, a sa tshole bana.
3
Mme moengele wa Morena a iponatsa mo mosading yoo, a mo raya a re: “Bona, o moopa, ga o belege bana. Mme o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane.
4
Mme jaanong a ko o itise; se nwe weine le fa e le bojalwa le e seng go ja sepe se se sa itshekang.
5
Gonne bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. A go se tle logare mo tlhogong ya gagwe, gonne mosimane yoo o tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong jwa gagwe; o tla simolola go golola Baiseraele mo diatleng tsa Bafelesita.”
6
Mosadi a ya, a bolelela monna wa gagwe a re: “Monna wa Modimo o tlile kwa go nna; o ne a lebega jaaka Moengele wa Modimo, a boitshega thata, mme ga ke a mmotsa kwa a tswang teng; le ene ga a a mpolelela leina la gagwe.
7
O ntheile a re: ‘Bona, o tla ithwala, o belega ngwana wa mosimane. Mme jaanong, se nwe weine le fa e le bojalwa, o se je sepe se se sa itshekang; gonne mosimane yoo, e tla nna moikiledi wa Modimo go tswa botsalong go ya letsatsing la loso lwa gagwe.’ ”
8
Ke fa Manoa a rapela Morena a re: “Ao! Morena, a monna wa Modimo yo ò mo romileng, a ke a tle gape kwa go rona, a re rute tse re tshwanetseng go di direla mosimane yo o tla tsalwang.”
9
Modimo wa utlwa lentswe la ga Manoa. Moengele wa Modimo a tla gape kwa mosading a ntse fa fatshe kwa tshimong, mme Manoa, monna wa gagwe, a se na nae.
10
Ke fa mosadi a akofa, a taboga, a itsise monna wa gagwe, a mo raya a re: “Bona, monna yo o neng a tlile kwa go nna maloba o iponaditse gape mo go nna.”
11
Manoa a nanoga, a sala mosadi wa gagwe morago, a fitlha kwa monneng yole, a mmotsa a re: “A ke wena monna yo o buileng le mosadi?” A re: “Ke nna.”
12
Manoa a re: “Jaanong fa lefoko la gago le dirafala, mosimane o tshwanetse go phela jang le go dira eng?”
13
Moengele wa Morena a araba Manoa a re: “A mosadi a itise mo go tsotlhe tse ke di mmoleletseng.
14
A a se je sepe se se tswang mo setlhareng sa moweine; a se ka a nwa weine le fa e le bojalwa; a se ka a ja sepe se se sa itshekang. Tsotlhe tse ke di mo laetseng a a di tshegetse.”
15
Ke fa Manoa a raya Moengele wa Morena a re: “Nte re go die, re go baakanyetse potsane.”
16
Mme Moengele wa Morena a fetola Manoa a re: “Le fa o ka ntia, ga ke ne ke ja dijo tsa gago. Mme fa o rata go direla Morena setlhabelo sa phiso, se baakanye.” Kana Manoa o ne a sa itse fa e le Moengele wa Morena.
17
Ke fa Manoa a botsa Moengele wa Morena a re: “Leina la gago ke mang gore re tle re go tlotle motlhang lefoko la gago le dirafalang?”
18
Mme Moengele wa Morena a mo fetola a re: “O boletsang leina la me? Kana ke le le gakgamatsang!”
19
Ke fa Manoa a tsaya potsane le tshupelo ya teng ya dijo, a direla Morena setlhabelo sa phiso mo godimo ga lefika, mme Morena a dira ka mokgwa o o gakgamatsang: Manoa le mosadi wa gagwe ba bona
20
kgabo ya molelo e tlhatlogela kwa legodimong e tswa mo aletareng le Moengele wa Morena a tlhatloga a le mo kgabong ya aletare. Ya re Manoa le mosadi wa gagwe ba bona jalo, ba wela fa fatshe ka difatlhego.
21
Mme Moengele wa Morena a se ka a tlhola a iponatsa gape mo go Manoa le e seng mo mosading wa gagwe. Ke fa Manoa a lemoga gore e ne e le Moengele wa Morena.
22
Jaanong Manoa a raya mosadi wa gagwe a re: “Ruri, re tla swa, gonne re bonye Modimo.”
23
Mme mosadi wa gagwe a mo fetola a re: “Fa Morena a ka bo a ratile go re bolaya, o ka bo a se ka a amogela setlhabelo sa phiso le tshupelo ya dijo mo diatleng tsa rona; le gona o ka bo a se ka a re bontsha dilo tsotlhe tse le e seng go re utlwisa tse re sa tswang go di utlwa jaanong.”
24
Mosadi a ba a belega ngwana wa mosimane, a mo taya leina la Simesone. Mosimane a gola, mme Morena a mo tshegofatsa.
25
Mowa wa Morena wa simolola go mo tlhotlheletsa a le mo bothibelelong jwa ga Dane fa gare ga Sorea le Ešethaole.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21