bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Matthew 17
Matthew 17
Tswana Setswana 1970
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 18 →
1
Morago ga malatsi a marataro Jesu a tsaya Petoro le Jakobo le Johane, morwa-rraagwe, a tlhatlogela nabo mo thabeng e e kwa godimo ba le bosi.
2
Foo a fetoga setshwano fa pele ga bone; sefatlhego sa gagwe sa phatsima jaaka letsatsi, diaparo tsa gagwe tsa nna ditshweu jaaka lesedi.
3
Ke fa Moše le Elia ba bonala fa go bone, ba bua nae.
4
Mme Petoro a simolola go bua, a raya Jesu a re: “Morena, go monate mo go rona go nna fano; fa ò rata, ke tla dira metlaagana e meraro fano, o mongwe e nne wa gago, o mongwe wa ga Moše, o mongwe wa ga Elia.”
5
Ya re a sa ntse a bua, leru le le lesedi la ba ritifalela ka tshoganyetso, le lentswe la tswa mo lerung la re: “Yoo ke Morwaake yo o rategang, yo ke mo itumelelang; mo utlweng!”
6
Ya re barutwa ba le utlwa, ba wela fa fatshe ka difatlhego, ba boifa segolo.
7
Foo Jesu a tla, a ba ama a re: “Tsogang, se boifeng!”
8
Ya re ba tsholetsa matlho, ba se ka ba bona ope, fa e se Jesu a le esi.
9
Ya re ba fologa mo thabeng, Jesu a ba laela a re: “Lo se ka lwa bolelela ope pono e, go tsamaya Morwa-Motho a tsosiwe mo baswing.”
10
Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Ke go reng, fa Baitsedikwalo ba re, Elia o tshwanetse go tla pele?”
11
Mme a araba a re: “Ka nnete Elia o e tla, o tla tsosolosa tsotlhe.
12
Mme ke lo raya ke re: Elia o setse a tsile, mme ga ba a ka ba mo itse, ba dirile ka ene ka fa ba ratileng ka teng. Morwa-Motho le ene ba tla mmogisa jalo.”
13
Ke fa barutwa ba gagwe ba tlhaloganya gore o bua nabo ka ga Johane Mokolobetsi.
14
E rile ba sena go fitlha kwa bathong, ga tla motho mongwe kwa go ene, a mo khubamela a re:
15
“Morena, utlwela morwaake botlhoko; gonne o a karalala, o bogisega thata; ke gantsi a wela mo molelong le gantsi mo metsing.
16
Ke ne ke mo tlisitse kwa barutweng ba gago, mme ba paletswe ke go mo fodisa.”
17
Jesu a fetola a re: “A batho ba ba sa dumeleng, ba ba kgopo! Kana ke tla nna le lona go fitlhelela leng? Ke tla lo itshokela goleele go le kae? Mo tsiseng kwano go nna!”
18
Foo Jesu a kgalemela modemone, wa tswa mo go ene, mme mosimane a fola e sa le ka nako eo.
19
Jaanong barutwa ba tla kwa go Jesu kwa thoko ba re: “Ke go reng, fa rona re reteletswe ke go o kgarameletsa ntle?”
20
A ba raya a re: “Ke ka gore lo tlhoka tumelo; gonne ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo na le tumelo, le fa e le e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete fela, lo ka raya thaba e lo a re: ‘Tloga fa, o ye fale!’ mme e tla ya, go se na sepe se se ka lo palelang.
21
Mme mofuta o ga o tswe, fa e se ka thapelo le ka go itima dijo.”
22
Ya re ba ntse ba kopana mo Galelea, Jesu a ba raya a re: “Morwa-Motho o tla neelwa mo diatleng tsa batho.
23
Ba tla mmolaya; mme o tla tsosiwa ka letsatsi la boraro.” Foo ba hutsafala thata.
24
E rile ba sena go fitlha kwa Kaperenaume, ba ba amogelang lekgetho la Tempele ba tla kwa go Petoro ba re: “A moruti wa lona ga a ntshe lekgetho la Tempele?”
25
Ene a re: “Nnyaya, o a le ntsha.” Ya re a tsena mo ntlong, Jesu a mo raka ka puo a re: “O gopolang, Simone? Dikgosi tsa lefatshe di amogela makgetho a kgwebo gongwe a tlhogo ya motho mo go bomang? A ke mo go bomorwaa-tsona gongwe mo bathong ba bangwe?”
26
Mme ya re a re: “Mo bathong ba bangwe,” Jesu a mo raya a re: “Fa go le jalo, bomorwa ba gololesegile.
27
Le gale a re se ba kgopise; yaa kwa letsheng, ò latlhele kobe mo teng, mme tlhapi e ò e tshwarang pele, o e tsee, ò e atlhamolose; ò tla fitlhela ledi la selefera; le tsee, ò le ba neele, e nne lekgetho la me le la gago.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28