bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Matthew 28
Matthew 28
Tswana Setswana 1970
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
1
E rile Sabata a sena go feta, fa bosigo jwa letsatsi la ntlha la beke boo sa, Maria Magtalena le Maria yo mongwe ba ya go bona phupu.
2
Ka tshoganyetso ga nna thoromo e kgolo ya lefatshe; gonne moengele wa Morena o ne a fologa kwa legodimong, a pitikolola lentswe, a nna mo go lone.
3
Ponalo ya gagwe e ne e tshwana le logadima, seaparo sa gagwe se le sesweu jaaka semathana.
4
Badisa ba roromisiwa ke go mmoifa, ba be ba nna jaaka baswi.
5
Moengele a raya basadi a re: “Lona se boifeng! Kana ke itse gore lo batla Jesu yo o neng a bapotswe.
6
Ga a yo fa; gonne o tsogile, fela jaaka a buile. Tlaang lo bone felo fa o ne a letse teng.
7
Mme jaanong itlhaganeleng, lo bolelele barutwa ba gagwe lo re: ‘O tsogile mo baswing, o bile o lo etelela pele go ya kwa Galelea. Lo tla mmona teng.’ Ke foo, ke lo boleletse.”
8
Ba akofa ba tloga fa phupung ka poifo le boitumelo jo bogolo, ba siana go itsise barutwa ba gagwe.
9
Ka tshoganyetso Jesu a kgatlhana nabo a re: “Dumelang!” Ba tla ba tshwara dinao tsa gagwe, ba mo obamela.
10
Jesu a ba raya a re: “Se boifeng! Yaang lo bolelele bana ba ga Rre lo re, ba ye kwa Galelea, ba tla mpona teng.”
11
Ya re ba tsamaya, bangwe ba lekoko la badisa ba tsena mo motseng, ba bolelela baperesiti ba bagolo tsotlhe tse di dirafetseng.
12
Jaanong bone ya re ba sena go phuthega le bagolo ba morafe, le go utlwana, ba naya batlhabani madi a mantsi
13
ba re: “Buang lo re: ‘Barutwa ba gagwe ba tsile bosigo, ba mo utswa re robetse.’
14
Mme fa molaodi a ka utlwa, rona re tla mo kgona, re lo ntshe tshwenyegong.”
15
Ba tsaya madi, ba bolela ka fa ba rutilweng ka teng. Mme polelo eo e tumile mo Bajuteng go fitlha letsatsing la kajeno.
16
Barutwa ba ba 11 ba ya kwa Galelea kwa thabeng e Jesu o e ba kaetseng.
17
Ya re ba mmona, ba mo obamela; mme ba bangwe ba belaela.
18
Jesu a tla kwa go bone, a bua nabo a re: “Thata yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng.
19
Ka moo he, yaang lo dire merafe yotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la Mowa o o Boitshepo,
20
lo ba rute go tlhokomela tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme itseng, nna ke na le lona ka malatsi otlhe go ya bokhutlong jwa lefatshe.”
← Chapter 27
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28