bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Micah 2
Micah 2
Tswana Setswana 1970
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 3 →
1
A tatlhego ya bone wee, ba ba akanyang tsa bokgopo, ba ba logang maano a a bosula mo malaong a bone; e re bosigo bo sa, ba bo dire ka thata e le mo diatleng tsa bone.
2
Fa ba eletsa masimo, ba a thukhutha, gongwe matlo, ba a a tsaya; ba gatelela monna le ntlo ya gagwe, ee, monna le boswa jwa gagwe.
3
Ke ka moo Morena a buang jaana a re: “Bonang, ke akanyetsa losika lo tatlhego e lo sa ka keng lwa somola melala ya lone mo go yona. Ga lo ka ke lwa tlhola lo tsamaya lo inamologile, ka e tla bo e le sebaka se se bosula.
4
Ka letsatsi leo ba tla tlhaba sefela sa tshotlo ka ga lona, ba opela sefela sa khutsafalo ba re: “ ‘Go dirafetse, re gateletswe ruri. Kabelo ya morafe wa me Modimo o dira ba bangwe beng ba yona. O e tlosa jang mo go nna! O abela baikepi masimo a rona.’ ”
5
Ka moo ò tla bo o se na ope mo phuthegong ya Morena yo o go lekanyetsang boswa ka mogala.
6
Ba rera ba re: “Lo se ka lwa rera! Mafoko a, ga a tshwanela go rerwa; kgobo ga e na go re wela.
7
Ba ntlo ya Jakobe, a go ka bodiwa ga twe: ‘A Morena o fedile pelo? Gongwe a ke tsona ditiro tsa gagwe!’ ” – “A ga ke re, mafoko a gagwe a bopelonomi mo go yo o tsamayang ka tshiamo?
8
“Mme morafe wa me o tsogile jaaka mmaba e sa le maabane; gonne ba ba iphetelang ba iketlile, ba se na sepe le ntwa, lo ba rutlile kobo mo diaparong.
9
Basadi ba morafe wa me lo ba lelekile mo malapeng a ba a ratang; mokgabo o ke o fileng bana ba bone lo o ba amogile ka bosakhutleng.
10
Lo re: ‘Tlogang lo tsamae, gonne fano ga go na boikhutso!’ Ka ntlha ya boitshekologo lo tla nyelediwa ka nyelelo e e sa foleng.
11
Fa monna a ka latela phefo, a tsietsa, a aka a re: ‘Ke tla go rerela go nwa weine le bojalwa’ – e ka nna ene moreredi wa morafe o.
12
“Ruri, ke tla phutha ba ga eno botlhe, Jakobe; ruri, ke tla kgobokanya masalela a Iseraele; ke ba kopanya jaaka dinku di tlhatlhelwa mo lesakeng, jaaka motlhape mo gare ga mafulo a ona. Go tla utlwala modumo wa bontsi jwa batho.”
13
Mmetla-tsela o tla bolola, a ba etelela pele; ba tla sutlha, ba tsena ka kgoro, ba tswa ka yona. Mme Kgosi ya bone e tla ba etelela pele, mme Morena a le tlhogo ya bone.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7