bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Micah 5
Micah 5
Tswana Setswana 1970
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 6 →
1
“Wena Betleheme-Eferatha, o mmotlana mo metseng ya Juta, mme yo o tla nnang mmusi mo Iseraeleng o tla ntswela mo go wena; mme matso a gagwe a tswa mo metlheng ya bogologolo le mo malatsing a a se nang tshimologo.”
2
Ka moo o tla ba latlha go ya go fitlhelela sebakeng se mmelegi o belegeng ka sona. Foo masalela a bomorwa-rraagwe a tla boela kwa Baiseraeleng.
3
Mme o tla ema, a ba fudisa ka thata ya Morena le ka bogolo jwa leina la Morena, Modimo wa gagwe; mme ba tla nna mo kagisong; gonne jaanong o tla nna mogolo go fitlha mafelelong a lefatshe.
4
Mme ene yo, o tla nna kagiso ya rona. Fa Asiria a re, o tla mo lefatsheng la rona, o tsena mo matlong a borena a rona, re tla baya badisa ba supa le dikgosana tse di le robedi tsa batho go lwa nabo.
5
Bone ba tla senya lefatshe la Asiria ka tšhaka le lefatshe la ga Nimerote mo dikgorong tsa lone. O tla re golola mo go Baasiria, fa ba tla mo lefatsheng la rona; fa ba tsena mo teng ga molelwane wa rona.
6
Mme masalela a Jakobe a tla nna mo merafeng e megolo jaaka monyo o o tswang mo Moreneng le jaaka mookodi wa pula mo dijwalong o o sa leteng ope, o o sa lebeleleng batho.
7
Le gona masalela a Jakobe a a mo ditšhabeng a tla nna mo merafeng e megolo jaaka tau mo gare ga diphologolo tsa sekgwa le jaaka tawana mo matsomaneng a dinku; e e a reng e ralala, e gatake, e garole, go se yo o pholosang.
8
Letsogo la gago le tla fenya baganetsi ba gago; baba botlhe ba gago ba tla nyelediwa.
9
Morena a re: “Ka letsatsi leo ke tla nyeletsa dipitse tsa gago mo go wena; ke fedisa dikoloi tsa gago tsa ntwa.
10
Le gona ke tla nyeletsa metse e e femetsweng ya lefatshe la gago; ke rutla dikago tsotlhe tsa gago tsa phemelo.
11
Ke tla nyeletsa mereo ya boloi gore e tloge mo seatleng sa gago; ga o kitla o nna le baroka.
12
Ke tla nyeletsa medimo ya diseto ya gago le majwe a a motloutlo a kobamelo a gago gore di tlosiwe mo gare ga lona, mme ga o ka ke wa tlhola o obamela tiro ya diatla tsa gago.
13
Ke tla kumola medimako ya gago ya Ašera gore e tlosiwe mo gare ga gago; ke tla senya metse ya gago e e femetsweng.
14
Ke tla ipusolosetsa ka bogale le ka kgalefo mo ditšhabeng tse di ganang go utlwa.”
← Chapter 4
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 6 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7