bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Timothy 1
2 Timothy 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 2 →
1
Ke nna Paulo, moaposetole wa ga Keresete Jesu ka go rata ga Modimo, ka fa polelong ya tsholofetso ya botshelo jo bo leng mo go Keresete Jesu.
2
Ke kwalela Timotheo, ngwanake yo o rategang: Tshegofatso, le kutlwelobotlhoko, le kagiso, tse di tswang Modimong Rara le Keresete Jesu Morena wa rona.
3
Ke leboga Modimo o ke sa leng ke o direla le mo go borraetsho ka segakolodi se se itshekileng, jaaka go go gopola ga me go sa khutle mo mekokotlelong ya me, bosigo le motshegare ke ntse ke tlhologeletswe go go bona,
4
gore ke tladiwe boitumelo, ka ke ntse ke gakologetswe dikeledi tsa gago.
5
Ke gakolotswe tumelo e e se nang boitimokanyo e e mo go wena; e e rileng pele ya bo e ne e agile mo go mmaagomogolo Loise, le mo go mmaago Eunike; e ke bileng ke tlhomamisa gore le mo go wena e teng.
6
Ka ntlha ya gone moo, ke a go gakolola, gore o tle o tlhotlheletse neo ya Modimo e e mo go wena, ka peo ya diatla tsa me.
7
Gonne Modimo ga o a ka wa re naya mowa wa bogatlapa, fa e se wa nonofo le wa lorato le wa mogopolo o o tlhomameng fela.
8
Ke gone, o se ka wa tlhajwa ke ditlhong ka ga tshupo ya Morena wa rona, le fa e le ka ga me ke le mogolegwi wa gagwe, mme o itshokele bothata o na le Mafoko a a Molemo ka fa thateng ya Modimo;
9
o o re bolokileng, wa re bitsa ka pitso e e boitshepo, e seng ka fa ditirong tsa rona, fa e se ka fa boikaelelong jwa one le tshegofatso, e re sa leng re e newa mo go Keresete Jesu pele ga metlha e e se nang tshimologo.
10
Jaanong go senotswe ke go bonala ga Mmoloki wa rona Keresete Jesu, yo o nyeleditseng loso, a baya botshelo le bosaboleng mo leseding ka Mafoko a a Molemo,
11
a ke beilweng moreri wa one, le moaposetole, le moruti.
12
Ke ka gone moo ke bileng ke boga dilo tse; le fa go ntse jalo, ga ke tlhajwe ke ditlhong; gonne ke itse ene yo ke mo dumetseng, ke a tlhomamisa fa a nonofile go dibela se ke se mo neetseng go ya go fitlha mo tsatsing leo.
13
Tshegetsa sekao sa mafoko a a tshedileng, se o se utlwileng mo go nna, mo tumelong le mo loratong lo lo mo go Keresete Jesu.
14
Se se molemo seo, se o se neetsweng, o se dibele ka Mowa o o Boitshepo o o agileng mo go rona.
15
Mo o a go itse, gore botlhe ba ba mo lefatsheng la Asia ba kgaoganye le nna, ba Fugelo le Heremogenese e leng ba bone.
16
A Morena a utlwele ba ntlo ya ga Onesiforo botlhoko, gonne o nthusitse gantsi, mme a se ka a tlhajwa ke ditlhong ka ga keetane ya me;
17
mme o rile a le mo Roma a mpatla ka tlhoafalo, mme a mpona.
18
A Morena a mme a bone kutlwelobotlhoko mo Moreneng mo tsatsing leo – mme dilo tse dintsi tse o diretseng phuthego ka tsone kwa Efeso o a di itse sentle.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4