bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
2 Timothy 2
2 Timothy 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 3 →
1
Ke gone ngwanaka, ka re, o thatafadiwe mo tshegofatsong e e mo go Keresete Jesu.
2
Dilo tse o di utlwileng mo go nna mo gare ga basupi ba le bantsi, tsone tseo o di neele batho ba ba ikanyegang, ba ba tlaa nonofang le go di ruta ba bangwe.
3
O tlhakanele bothata le nna, jaaka motlhabani yo o molemo wa ga Keresete Jesu.
4
Ga go motlhabani ope yo o reng a le mo ntweng a be a itlhakatlhakantse le dilo tsa botshelo jono; e be e le gore a kgatlhe ene yo o mo kwadileng motlhabani.
5
Le gone fa motho a tsena a leka mo ditshamekong, ga a ke a rwesiwa, fa a se ka a leka ka fa molaong.
6
Molemi yo o dirang, ke ene o tshwanetseng go nna wa ntlha go ja maungo.
7
O akanye se ke se buang; gonne Morena o tlaa go naya tlhaloganyo mo dilong tsotlhe.
8
Gakologelwa Jesu Keresete fa a tsogile mo baswing, e le wa losika lwa ga Dafite, ka fa Mafokong a a Molemo a me,
9
a ke tshwereng bothata mo go one, ke ba ke tsena mo dikgoleng jaaka modiradibe; mme lefoko la Modimo lone ga le a golegwa.
10
Ke gone, ke itshokelang dilo tsotlhe ka ntlha ya ba ba itshenketsweng, gore le bone ba amogele poloko e e mo go Keresete Jesu, le kgalalelo e e sa khutleng.
11
Go boikanngo polelo e e reng: “Gonne fa re kile ra swa nae, le gone re tlaa tshela nae;
12
fa re itshoka nae, le gone re tlaa busa nae; fa re mo itatola, le ene o tlaa re itatola;
13
fa rona re sa ikanyege, ene o ntse o boikanngo fela, gonne ga a ka ke a iitatola.”
14
O ba gakolole dilo tse, o ntse o ba laya mo ponong ya Morena, gore ba se ka ba ganela ka ga mafoko fela, mo go se nang thuso, e le mo go timetsang fela ba ba utlwang.
15
O tlhoafalele go itshupa o le molebosegi mo Modimong, o le modiri yo o se nang go tlhajwa ke ditlhong, o bua lefoko la boammaaruri ka tshiamo.
16
O tshabe tse e leng dipalabalo tse di bosula; gonne ba ba di tlwaelang ba tlaa tswelela kwa pele mo boikepong.
17
Lefoko la bone le tlaa ja jaaka ntho e e kekelang; ba Humenaio le Fileto e leng ba bone;
18
e le batho ba ba fositseng boammaaruri, ba re: “Tsogo ya baswi e setse e fetile,” mme ba ribegetse tumelo ya bangwe.
19
Le fa go ntse jalo motheo o o nitameng wa Modimo o eme fela, ka o na le sekano se, go re: “Morena o itse ba e leng ba gagwe:” Le go re: “A mongwe le mongwe yo o umakang leina la Morena a kgaogane le tshiamololo.”
20
Jaana mo ntlong e kgolo go bo go se dijana tsa gouta le tsa selefera di le tsosi; le gone go na le tsa logong le tsa letsopa; dingwe ke tsa tlotlo, tse dingwe ke dijana fela.
21
Ke gone fa motho a itlhapisa mo dilong tsele, o tlaa bo a le sejana sa tlotlo se se itshepisitsweng, se se tshwanetseng go jela ka mong, se se baakanyeditsweng tiro nngwe le nngwe e e molemo.
22
O tshabe dithato tsa bokau, o latele tshiamo, le tumelo, le lorato, le kagiso, o na le ba ba bitsang Morena ka pelo e e itshekileng.
23
O gane dipotso tsa bonyana le tse di se nang kitso, o ntse o itse fa di tsosa dikgang fela.
24
Motlhanka wa Morena ga a a tshwanela go lwa, fa e se go nna bonolo fela mo go botlhe, a le setswerere go ruta, a le boiphapaanyo;
25
a le boikokobetso, a sokolola ba ba ikgantshang; e tle e re kgotsa Modimo wa ba naya boikwatlhao jwa go fitlha mo kitsong ya boammaaruri.
26
Ba itse go itshomola mo serung sa diabolo, ka ba gapetswe go rata ga Modimo ke motlhanka wa Morena.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4