bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Amos 6
Amos 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 7 →
1
A bo go latlhega bone ba ba iketlileng mo Sione, le ba ba thagameng mo thabeng ya Samaria, batho ba ba itsegeng, ba e leng ditlhogo tsa merafe, ba ba ntlo ya Iseraele ba tleng ba ye kwa go bone!
2
Kgabaganyetsang kwa Kalene lo bone; lo tswe teng lo ye kwa Hamathe o mogolo, foo lo fologele kwa Gathe wa Bafilisitia. A ba gaisa magosi ano? Kgotsa a molelwane wa bone o mogolo go molelwane wa lona?
3
Lona ba lo bayang motlha wa bosula kgakala, mme lo atametse senno sa thubakanyo.
4
Ba lo itelegang mo malaong a dinaka tsa ditlou, lo rapama mo dikanamelong tsa lona, lo ja dikwanyana tsa letsomane, le dinamane di tswa mo lesakeng;
5
ba lo opelelang modumo wa diletso dipina tsa boeleele; ba lo itirelang dilo tsa kopelo tse di etsang tsa ga Dafite;
6
ba lo nwang bojalwa jwa mofine ka megotšana, lo itlotsa ditlolo tse di tlhaolesegileng; mme lo sa hutsafalele pitlagano ya ga Josefe.
7
Ke gone ka moo ba tlaa yang botshwarong jaana le ba ntlha ba ba yang botshwarong, mme tlhapelo ya ba ba neng ba rapame e tlaa fetela koo.
8
Morena Modimo o ikanne ka ene ka esi, go bua Jehofa Modimo wa masomosomo: “Ke ila pelafalo ya ga Jakobe; ke tlhoile matlo a gagwe a dikgosi; ke gone ka moo ke tlaa neelang baba motse le tsotlhe tse di mo go one.”
9
Go tlaa dirala go re, e tlaa re fa go sala banna ba le some mo ntlong e le nngwe fela, ba tlaa swa.
10
E tlaa re fa tsela ya motho, e bong ene yo o mo fisetsang, a mo tsaya a re, o ntsha marapo a gagwe mo ntlong, mme a raya yo o kwa tengteng ga ntlo a re: “A mongwe o sa le teng?” ene yoo a mo reye a re: “Nyaa”; foo o tlaa re: “Didimala; gonne ga re kake ra umaka leina la ga Jehofa.”
11
Gonne bona, Jehofa o tle a laole, mme ntlo e kgolo e itewe ka mathubego, le ntlo e potlana ka dikgagogo.
12
A dipitse di ka taboga mo lefikeng? A mongwe o ka lema teng ka dikgomo? Fa e bo ne ne lo fetotse katlholo santlhokwe, le loungo lwa tshiamo lo lo fetotse longana.
13
Lona ba lo itumelelang selo sa bosengsepe, ba lo reng: “A ga re a inaya dinaka ka thata ya rona?”
14
“Gonne bonang, ke tlaa lo tsosetsa morafe mongwe, lona ba ntlo ya Iseraele,” go bua Jehofa Modimo wa masomosomo, “mme ba tlaa lo pitlaganya go simolola ka kgoro ya Hamathe go ya kwa molatswaneng wa Araba.”
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9