bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Daniel 1
Daniel 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 2 →
1
E rile ka ngwaga wa boraro wa puso ya ga Jehoiakime kgosi ya Juta, Nebukatenesare kgosi ya Babilone a tla mo Jerusalema, mme a o tlhasela.
2
Mme Morena a tsenya Jehoiakime kgosi ya Juta mo seatleng sa gagwe, le bontlhanngwe jwa dilwana tsa ntlo ya Modimo; mme a di isa kwa lefatsheng la Shinare kwa ntlong ya modimo wa gagwe; mme a isa dilwana mo ntlong ya dikhumo, ya modimo wa gagwe.
3
Kgosi ya bua le Asepenase mong wa baopafadiwi ba gagwe, gore a lere bangwe ba bana ba Iseraele, e bong ba losika lwa segosi le lwa bagolwane;
4
e le makau a a se nang bokoa, e le ba ba bopegileng sentle, ba le ditswerere mo botlhaleng jotlhe, e le ba ba seleng tlhogo, ba fasitse, ba tlhaloganya kitso yotlhe, ba ba nang le nonofo ya go ema mo ntlong ya kgosi; gore a ba rute thuto le puo ya Sekalatea.
5
Kgosi ya ba laolela kabelo ya malatsi otlhe ya dijo tsa kgosi, le ya bojalwa jwa mofine jo e bo nwang, le gore ba otlwe ka dinyaga di le tharo; gore e tle e re di sena go feta boo ba itse go ema fa pele ga kgosi.
6
Jaana mo go bao ga bo go le Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria, e le ba bana ba Juta.
7
Kgosana ya baopafadiwi ya ba raya maina: Daniele a rewa leina la Beletešasare; Hanania la Shaterake; Mišaele, la Mešake; le Asaria la Abetenego.
8
Daniele ene a ikaelela mo pelong ya gagwe fa a se ketla a iitshekolola ka dijo tsa kgosi, le fa e le ka bojalwa jwa mofine jo e bo nwang; ka moo a lopa kgosana ya baopafadiwi gore a mme a se ka a iitshekolola.
9
Jaana Modimo wa naya Daniele botsalano le go tlhomogelwa pelo mo matlhong a kgosana ya baopafadiwi.
10
Kgosana ya baopafadiwi ya raya Daniele ya re: “Ke boifa kgosi morena wa me, yo o lo laoletseng dijo tsa lona le noo ya lona; gonne o tlaa bo a bonelang difatlhogo tsa lona di tlhontse bogolo go tsa makau ba e leng bankana ba lona? Jalo lo tlaa bo lo mpiletsa loso mo kgosing.”
11
Foo Daniele a raya molebedi, yo kgosana ya baopafadiwi e beileng Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria, mo taolong ya gagwe,
12
a re: “Ke a go rapela, o tle o leke batlhanka beno ka malatsi a le some; mme ba re jese merogo, ba re nose metsi.
13
Foo a difatlhogo tsa rona di sekasekwe fa pele ga gago le difatlhogo tsa makau a a jang dijo tsa kgosi; mme o tle o itse go direla batlhanka beno ka fa o bonang ka teng.”
14
Jalo a ba reetsa mo selong se, a ba leka ka malatsi a le some.
15
Ya re malatsi a le some a sena go feta difatlhogo tsa bone tsa bonala di le dintle bogolo, mme ba bo ba nonne bogolo go makau otlhe a a jang dijo tsa kgosi.
16
Jalo molebedi a tlosa dijo tsa bone, le bojalwa jwa mofine jo ba tshwanetseng go bo nwa, mme a ba naya merogo.
17
Ka ga makau a mane ao, Modimo wa ba naya kitso le maano mo thutong yotlhe le botlhale; mme Daniele o na a na le tlhaloganyo mo diponatshegelong tsotlhe le mo ditorong.
18
E rile malatsi a sena go feta, a kgosi e ne e laotse gore ba leriwe ka one, kgosana ya baopafadiwi ya ba isa mo teng fa pele ga Nebukatenesare.
19
Kgosi ya bua nabo; mme mo go bone botlhe go se ka ga fitlhelwa bape ba ba tshwanang le Daniele, le Hanania, le Mišaele, le Asaria; ke gone ka moo ba ne ba ema fa pele ga kgosi.
20
Mo dilong tsotlhe tsa botlhale le tlhaloganyo, tse kgosi e ba botsang ka ga tsone, ya ba fitlhela ba gaisa ga some baitseanape botlhe le dingaka tsotlhe tsa lefatshe lotlhe la yone.
21
Mme Daniele a nna a tshela fela a ya go fitlha mo ngwageng wa ntlha wa kgosi Kurose.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12