bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Daniel 6
Daniel 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 7 →
1
Ga kgatlha Dario go naya dikgosana di le lekgolo le masome mabedi taolo mo bogosing, e le ba ba tlaa nnang le taolo go ya le bogosi jotlhe fela.
2
Mo godimo ga bone ga bewa balaodi ba le bararo, ba Daniele e ne e le mongwe wa bone; e le gore dikgosana tseo di ise mafoko kwa go bone, gore kgosi e tle e se ka ya senyegelwa gope.
3
Foo Daniele yo, a nna thwadi mo balaoding le dikgosana, ka gonne go ne go le mowa o o dimang mo go ene; mme kgosi ya bo e gopotse go mo naya taolo mo bogosing jotlhe fela.
4
Foo balaodi ba bangwe le dikgosana ba leka go bona seipato sa go baya Daniele molato ka ga bogosi; mme ba se ka ba bona seipato le fa e le molato; gonne o ne a le boikanngo, mme go ne go sa fitlhelwe timelo le fa e le molato mo go ene.
5
Foo banna bao ba bua, ba re: “Ga re ketla re bona seipato sepe ka ga Daniele yo, fa re sa se bone ka ga gagwe ka fa molaong wa Modimo wa gagwe.”
6
Foo balaodi bao ba na le dikgosana ba phuthegela kwa kgosing, mme ba bua jaana le kgosi, ba re: “Kgosi Dario, tshela ka bosakhutleng.
7
Ditlhogo tsotlhe tsa bogosi, le balaodisiwa, le dikgosana, le bagakolodi, le balaodi ba gakololanye mmogo go tlhoma molao wa segosi, le gore go dirwe kiletso e e thata ya go re: Le fa e le mang yo o tlaa rapelang modimo mongwe, le fa e le motho mongwe, ka malatsi a le 30, fa e se wena kgosi fela, a latlhelwe mo mongobong wa ditau.
8
Jaana kgosi, tlhomamisa kiletso, mme o kwale leina la gago mo lokwalong lo, gore lo se ka lwa fetolwa ka fa molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.”
9
Ke gone kgosi Dario o ne a kwala leina la gagwe mo lokwalong, le mo kiletsong.
10
E rile Daniele a itse fa lokwalo lo beilwe leina, a tsena mo ntlong ya gagwe; jaana diipone tsa ntlwana ya gagwe di ne di bulegile, tse di ntlheng e e lebileng Jerusalema; mme a khubama ka mangole gararo ka letsatsi, a rapela, a leboga fa pele ga Modimo wa gagwe, jaaka a ne a tle a dire gale.
11
Foo banna bao ba phuthega, ba fitlhela Daniele a dira morapelo le mokokotlelo fa pele ga Modimo wa gagwe.
12
Foo ba atamela, mme ba bua fa pele ga kgosi ka ga kiletso ya kgosi; ba re: “A ga o a kwala leina la gago mo kiletsong, gore mongwe le mongwe yo o tlaa rapelang modimo mongwe kgotsa motho, go ise go fete malatsi a le masome mararo, fa e se wena kgosi, a latlhelwe mo mongobong wa ditau?” Kgosi ya ba fetola ya re: “Ke boammaaruri fela ka fa molaong wa Bamete le Baperesia, o o sa fetogeng.”
13
Foo ba fetola kgosi ba re: “Daniele yo, yo e leng wa bana ba botshwaro jwa Juta, ga a go tlhokomele, kgosi, le fa e le kiletso e o e beileng leina la gago, mme o dira morapelo wa gagwe gararo ka letsatsi.”
14
Foo kgosi ya re e sena go utlwa mafoko a, ya gakala thata, mme ya tswela Daniele pelo ya go mo golola; mme ya leka ka thata go mo golola letsatsi la ba la tla la phirima.
15
Foo banna bao ba phuthegela kwa kgosing, ba raya kgosi ba re: “Itse kgosi, fa e le molao wa Bamete le Baperesia, go re ga go na kiletso epe, le fa e le taolo epe e kgosi e e tlhomamisitseng e e ka bang ya fetolwa.”
16
Foo kgosi ya laola, mme ba lere Daniele, ba mo latlhela mo mongobong wa ditau. Mme kgosi ya bua le Daniele, ya re: “Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, o tlaa go golola.”
17
Ga leriwa letlapa, la bewa mo molomong wa mongobo; mme kgosi ya le kanela ka sekanelo sa yone, le ka sekanelo sa bagolwane ba yone; gore go se ka ga fetolwa sepe ka ga Daniele.
18
Foo kgosi ya ya kwa ntlong ya yone, ya lala e ithibile mo dijong; le gone ga se ka ga leriwa dilo tsa diletso fa pele ga yone, mme boroko jwa tloga mo go yone.
19
Foo kgosi ya tsoga ka makuku, ya ya ka potlako kwa mongobong wa ditau.
20
Ya re e atamela fa mongobong kwa go Daniele, ya bitsa ka lentswe la khutsafalo; kgosi ya bua, ya raya Daniele ya re: “Daniele we, motlhanka wa Modimo o o tshedileng, a Modimo wa gago o o ntseng o o direla ka metlha yotlhe, a o nonofile go go golola mo ditaung?”
21
Foo Daniele a raya kgosi, a re: “Kgosi, tshela ka bosakhutleng.
22
Modimo wa me o romile moengele wa one, mme o momisitse ditau melomo, ga di a ntshenya gope; gonne fa pele ga one ga fitlhelwa bosenangmolato mo go nna; le gone fa pele ga gago, kgosi, ga ke a senya sepe.”
23
Foo kgosi ya itumela thata, mme ya laola gore ba ntshe Daniele mo mongobong. Mme Daniele a ntshiwa mo mongobong, mme ga se ka ga fitlhelwa tshenyego epe mo go ene, ka a ne a ikantse Modimo wa gagwe.
24
Kgosi ya laola, mme ba lere banna bale ba ba beileng Daniele molato, ba ba latlhela mo mongobong wa ditau, bone le bana ba bone, le basadi ba bone; mme ditau tsa ba fenya, tsa ba robaka marapo, ba ise bo ba fitlhe kwa tlase ga mongobo.
25
Foo kgosi Dario a kwalela ba ditšhaba tsotlhe, le ba merafe, le ba dipuo, ba ba agileng mo lefatsheng lotlhe; a re: “A kagiso e lo totafalele.
26
Ke dira taolo, gore mo pusong yotlhe ya bogosi jwa me batho ba rorome ba boife fa pele ga Modimo wa ga Daniele; gonne ke one Modimo o o tshedileng, o o tlhomameng ka bosakhutleng, le bogosi jwa one ke jo bo se ketlang bo senngwa, le puso ya one e tlaa nna fela le go ya kwa bokhutlong.
27
O a golola, o falodise, o dire ditshupo le dikgakgamatso kwa legodimong le mo lefatsheng; ke one o o golotseng Daniele mo thateng ya ditau.”
28
Jalo Daniele yo, a tlhogonolofala mo mmusong wa ga Dario, le mo mmusong wa ga Kurose wa Moperesia.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12