bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Esther 4
Esther 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 5 →
1
E rile Moretekai a itse gotlhe mo go dirilweng, a ikgagola diaparo, a apara letsela la kgetse le na le melora, a tswela kwa gare ga motse, a jajarega ka jajarego e kgolo, e e botlhoko.
2
A tla fela fa pele ga kgoro ya kgosi, gonne go sa kake ga tsena ope mo teng ga kgoro ya kgosi a apere letsela la kgetse.
3
Le mo kgaolong nngwe le nngwe ya lefatshe kwa taolo le molao wa kgosi o fitlhileng teng, ga nna khutsafalo e kgolo mo Bajuteng, le go ikitsa go ja, go lela le go kuruetsa; batho ba le bantsi ba rapama fa fatshe mo letseleng la kgetse le melora.
4
Barweetsana ba ga Esethere le baopafadiwi ba gagwe ba fitlha, ba mmolelela; mohumagadi a nna pelo e e botlhoko thata; a roma batho ba isa diaparo ba ya go apesa Moretekai le go tlosa letsela la kgetsi mo go ene, mme a se ka a di amogela.
5
Foo Esethere a bitsa Hathake, mongwe wa baopafadiwi ba kgosi, yo e ne e mo laoletse go direla mohumagadi, Esethere a mo laola gore a ye kwa go Moretekai, a ye go tlhaloganya go re golo mo ke eng, le go re ke ka ntlha yang.
6
Jalo Hathake a tswela kwa go Moretekai kwa patlelong ya motse, e e fa pele ga kgoro ya kgosi.
7
Moretekai a mmolela gotlhe mo go mo dirafaletseng, le madi tota a Hamane o ne a itlhomamisitse go re o tlaa a tsenya mo dipolokelong tsa dikhumo tsa kgosi ka ga Bajuta, go ba senya.
8
Le gone a mo naya malebela a go kwalwa ga molao o o tlhomilweng mo Shušane go ba senya, gore a ye go a supetsa Esethere, le go a mmolelela; le go mo raya gore a tsene kwa kgosing, a ye go e rapela, le go e lopa ka ga batho ba ga gabo.
9
Hathake a fitlha a bolelela Esethere mafoko a ga Moretekai.
10
Foo Esethere a bua le Hathake, a mo laetsa kwa go Moretekai, a re:
11
“Batlhanka botlhe ba kgosi, le batho ba dikgaolo tsa mafatshe a kgosi, ba itse gore le fa e le mang, monna kgotsa mosadi, yo o tlaa tsenelang kgosi kwa lwapeng lo lo kwa teng, e le yo o sa bidiwang, go na le molao o le mongwe fela ka ga gagwe, ke go re a bolawe, fa e se yo kgosi e tlaa mo ntshetsang thobane ya gouta ya bogosi, gore a tle a tshele; mme go fetile malatsi a le 30 ke ntse ke sa bidiwe, gore ke ye go tsena kwa kgosing.”
12
Ba bolelela Moretekai mafoko a ga Esethere.
13
Foo Moretekai a ba raya a re ba busetse phetolo kwa go Esethere, go re: “O se ka wa ikgopola go re o tlaa falola fa o le mo ntlong ya kgosi, bogolo go Bajuta botlhe.
14
Gonne fa o didimalela ruri mo lobakeng lono, foo Bajuta ba tlaa tsogelwa ke thuso le kgololo e e tswang go sele, mme wena le ba ntlo ya ga rraago lo tlaa swa. Go itse mang boo ga o a tlela motlha o o ntseng jaana mo bogosing.”
15
Foo Esethere a ba raya a re ba busetse phetolo kwa go Moretekai go re:
16
“Ya o phuthe Bajuta botlhe ba ba mo Shušane lo ntirele go ikitsa go ja, lo bo lo se ka lwa ja le fa e le go nwa ka malatsi a le mararo, bosigo le fa e le motshegare. Le nna le barweetsana ba me re tlaa ikitsa go ja jalo; jalo ke tlaa tsena kwa kgosing, le fa e tlaa bo e se ka fa molaong; mme fa ke swa, a ke swe fela.”
17
Mme Moretekai a tsamaya, a ya a dira jaaka tsotlhe tse Esethere o di mo laoletseng.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10