bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Esther 6
Esther 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 7 →
1
Ya re bosigo joo kgosi ya lala e sa robala; ya laola gore ba lere lokwalo lo lo kwadilweng ditirafalo, mme tsa balwa fa pele ga kgosi.
2
Ga fitlhelwa go kwadilwe go re, Moretekai o ne a bolela ka ga Bigethane le Tereše baopafadiwa ba kgosi ba le babedi, ba bone ba ba lebelang kgoro, fa ba kile ba batla go tsenya kgosi Ahasueruse mabogo.
3
Kgosi ya re: “Ana Moretekai o diretswe tlotlo le bogolwane bofe ka ntlha ya sone seo?” Foo batlhanka ba kgosi ba ba e direlang ba re: “Ga a a direlwa sepe.”
4
Kgosi ya re: “E mang yo o ka fa lwapeng?” Jaana Hamane o ne a tsile mo lwapeng lo lo kwa ntle, lwa ntlo ya kgosi, a tla go bua le kgosi ka ga go pega Moretekai mo sefateng sa polaelo se o se mmaakanyeditseng.
5
Batlhanka ba kgosi ba mo raya ba re: “Bona, Hamane o eme ka fa lwapeng.” Kgosi ya re: “A a tsene.”
6
Jalo Hamane a tsena. Kgosi ya mo raya ya re: “Ana monna yo kgosi e ratang go mo tlotla o ka direlwa eng?” Jaana Hamane a ithaya mo pelong ya gagwe a re: “Ana kgosi e ka bo e rata go tlotla mang bogolo go nna?”
7
Hamane a raya kgosi a re: “Monna yo kgosi e ratang go mo tlotla,
8
a a lerediwe diaparo tsa segosi tse kgosi e ntseng e di apara, le pitse e kgosi e ntseng e e palama, le serwalo sa segosi se se bewang mo tlhogong ya yone;
9
a diaparo tseo le pitse eo di neelwe nngwe ya dikgosana tsa kgosi tse di tlotlegang bogolo, gore ba di apese monna yo kgosi e ratang go mo tlotla, ba mo ralatse mmila wa motse a palame pitse, ba ope mokgosi fa pele ga gagwe, ba re: ‘Go direlwa jaana monna yo kgosi e itumelang go mo tlotla.’ ”
10
Foo kgosi ya raya Hamane ya re: “Itlhaganele tlhe, o tseye diaparo le pitse jaaka o buile, o direle jalo Moretekai wa Mojuta yo o dutseng fa kgorong ya kgosi, go se tlhaele sepe sa tsotlhe tse o di buileng.”
11
Foo Hamane a tsaya diaparo le pitse, a apesa Moretekai, a mo ralatsa mmila wa motse a palame, a opa mokgosi fa pele ga gagwe, a re: “Go direlwa jalo monna yo kgosi e ratang go mo tlotla.”
12
Moretekai a boela gape mo kgorong ya kgosi. Hamane a itlhaganelela kwa ntlong ya gagwe a hutsafetse, tlhogo ya gagwe e khurumeditswe.
13
Hamane a kakanyetsa Sereše mosadi wa gagwe le ditsala tsa gagwe tsotlhe fela, sengwe le sengwe se se mo dirafaletseng. Foo matlhale a gagwe le Sereše mosadi wa gagwe ba mo raya ba re: “Fa Moretekai, yo o simolotseng go wa fa pele ga gagwe, e le wa losika lwa Bajuta, ga o ketla o mo fenya, mme ruri o tlaa wa fa pele ga gagwe.”
14
Ya re ba sa ntse ba bua nae, baopafadiwi ba kgosi ba tla, ba itlhaganela go isa Hamane modirong o Esethere o ne a o baakantse.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10