bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezra 10
Ezra 10
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
1
Jaana ya re Esera a sa ntse a rapela, a dira boipolelo, a lela, a itatlhela fa fatshe fa pele ga ntlo ya Modimo, ga bo go phuthegetse kwa go ene phuthego e kgolo thata ya banna le basadi le banyana ba ba tswang mo Iseraele; gonne batho ba lela mo go botlhoko.
2
Mme Shekania morwa Jehiele, mongwe wa bomorwa Elame, a fetola a raya Esera a re: “Re leofetse Modimo wa rona, re nyetse basadi ba seeng ba ditšhaba tsa lefatshe; le fa go ntse jalo jaana go na le tsholofelo ka ga Iseraele ka ga selo se.
3
Ke gone jaana, ra re: A re direng kgolagano le Modimo wa rona ya go tlhala basadi bao botlhe, le botlhe ba ba tsetsweng ke bone, ka fa kgakololong ya morena wa me, le ya ba ba roromelang taolo ya Modimo wa rona; mme a go dirwe ka fa molaong.
4
Nanoga; gonne ke tiro ya gago, mme le rona re na nao; nametsega, mme o go dire.”
5
Foo Esera a nanoga, a ikanisa ditlhogo tsa baperesiti, le Balefi, le Baiseraele botlhe, go re, ba tlaa dira ka fa lefokong le. Jalo ba ikana.
6
Foo Esera a nanoga fa pele ga ntlo ya Modimo, a tsena mo ntlwaneng ya ga Johanane morwa Eliašibe; ya re a fitlha gone a se ka a ja dijo, le fa e le go nwa metsi; gonne o ne a hutsafaletse tlolo ya bone ba botshwaro.
7
Mme ba opa mokgosi mo lefatsheng lotlhe la Juta le Jerusalema mo baneng botlhe ba botshwaro, gore ba phuthegele kwa Jerusalema;
8
le go re le fa e le mang yo o sa tleng malatsi a le mararo a ise a fete, ka fa kgakololong ya dikgosana le bagolwane, dilo tsa gagwe tsotlhe o tlaa di thukhuthwa, le ene a kgaolwa mo phuthegong ya ba botshwaro.
9
Foo banna botlhe ba Juta le Benjamine ba phuthegela kwa Jerusalema mo malatsing a mararo; e le kgwedi ya bofera o le mongwe, le letsatsi la 20 la kgwedi, mme batho botlhe ba dula mo felong fa go atlhameng fa pele ga ntlo ya Modimo, ba roroma ka ntlha ya selo se, le ka ntlha ya pula e tona.
10
Esera moperesiti a ema a ba raya a re: “Lo tlodile, lo nyetse basadi ba seeng go tla lo totisa molato wa Baiseraele.
11
Ke gone jaana dirang boipolelo mo go Jehofa Modimo wa borraeno lo bo lo dire go rata ga gagwe; lo ikgaoganye le ditšhaba tsa lefatshe, le bone basadi ba seeng.”
12
Foo phuthego yotlhe ya mo fetola, ya bua ka lentswe le le tsholetsegileng ya re: “Jaaka o buile ka ga rona, re na le go dira fela jalo.
13
Batho re bantsi e bile ke lobaka lwa pula e kgolo, ga re a nonofa go ema kwa ntle, le gone tiro ga se ya letsatsi le le lengwe fela kgotsa ya a le mabedi; gonne re tlodile thata mo selong se.
14
A dikgosana tsa rona di tlhomelwe phuthego yotlhe jaana, mme a botlhe ba ba mo metseng ya rona, ba ba nyetseng basadi ba seeng, ba tle ka dipaka tse di tlaa tlhongwang, bagolwane ba motse mongwe le mongwe ba na nabo, le baatlhodi ba teng, go tsamaya bogale jo bo tukang jwa Modimo wa rona bo busiwe mo go rona, go tsamaye tiro e e fele.”
15
Jonathane morwa Asahele le Jahaseia morwa Tikefa ya nna bone bosi ba ba emeng ba gana selo se: Mešulame le Shabethai wa Molefi ba ba thusa.
16
Bana ba botshwaro ba dira jalo. Esera moperesiti a na le bangwe ba ditlhogo tsa makgotla a borara, ka fa makgotleng a borra ba bone, mme botlhe ba lomololwa ka maina a bone; mme ba dula ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya lesome, go tla ba sekaseka selo se.
17
Ka ga banna botlhe ba ba nyetseng basadi ba seeng, e rile go tla letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha ba bo ba weditse.
18
Mo go bomorwa baperesiti ga fitlhelwa bangwe ba ba nyetseng basadi ba seeng, e bong mo go bomorwa Ješua morwa Josatake le bomonnawe, Maaseia, le Eliesere, le Jaribe, le Getalia.
19
Mme ba ikwala gore ba tlaa tlhala basadi ba bone; mme e re ka ba le molato ba isa phelefu ya letsomane tshupelelo ya molato wa bone.
20
Ba bomorwa Imere: Hanani le Shebedia.
21
Bo bomorwa Harime: Maaseia le Elija, le Shemaia, le Jehiele, le Usia.
22
Ba bomorwa Pašure: Elioenai, Maaseia, Išemaele, Nathanaele, Josabate le Elasa.
23
Le ba Balefi: Josabate, Shimei, Kelaia (ke ene Kelita), Pethahia, Juta le Eliesere.
24
Wa baopedi: Eliašibe, le ba balebedi ba kgoro: Shalume, Teleme le Uri.
25
Baiseraele, ba bomorwa Paroše: Ramia, Isia, Malekia, Mijamine, Eleasare, Malekia le Benaia.
26
Ba bomorwa Elame: Matania, Sekaria, Jehiele, Abadi, Jeremothe le Elija.
27
Ba bomorwa Satu: Elioenai, Eliašibe, Matania, Jeremothe, Sabate le Asise.
28
Ba bomorwa Bebai: Johanane, Hanania, Sabai, Athelai.
29
Ba bomorwa Bani: Mešulame, Maluke, le Ataia, Jašube, Sheale le Jeremothe.
30
Ba bomorwa Pahathe-moabe: Atena, Kelale, Benaia, Maaseia, Matania, Besalele, Binui le Manase.
31
Ba bomorwa Harime: Eliesere, Isia, Malekia, Shemaia, Shimeone,
32
Benjamine, Maluke, Shemaria.
33
Ba bomorwa Hašume: Matenai, Matata, Sabate, Elifelete, Jeremai, Manase, Shimei.
34
Ba bomorwa Bani: Maatai, Amerame, le Uele;
35
Benaia, Beteia, Keluhi;
36
Fania, Meremothe, Eliašibe;
37
Matania, Matenai le Jaasu;
38
le Bani, Binui, Shimei;
39
le Shelemia, Nathane le Ataia;
40
Makenatebai, Shašai, Sharai;
41
Asarele, le Shelemia, Shemaria;
42
Shalume, Amaria, Josefe.
43
Ba bomorwa Nebo: Jeiele, Matithia, Sabate, Sebine, Ito le Joele, Benaia.
44
Bao botlhe ba ne ba nyetse basadi ba seeng; bangwe ba bone ba na le basadi ba ba bonyeng bana nabo.
← Chapter 9
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10