bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Ezra 7
Ezra 7
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 8 →
1
Jaana e rile morago ga dilo tse, mo pusong ya ga Aretaserese kgosi ya Peresia, Esera morwa Seraia, morwa Asaria,
2
morwa Hilekia, morwa Shalume, morwa Satoke, morwa Ahitube,
3
morwa Amaria, morwa Asaria, morwa Meraiothe, morwa Serahia, morwa Usi,
4
morwa Buki, morw Abišua, morwa Finehase,
5
morwa Eleasare, morwa Arone moperesiti yo mogolo;
6
Esera yoo a tlhatloga a tswa Babilone, mme a bo a le mokwadi yo o bobebe mo molaong wa ga Moše, o Jehofa Modimo wa Iseraele o ne a o beile; mme kgosi ya mo naya gotlhe ka fa o lopang ka gone, ka fa seatleng sa ga Jehofa Modimo wa gagwe se leng mo go ene ka teng.
7
Ga tlhatloga bangwe ba bana ba Iseraele, le ba baperesiti, ba Balefi, ba baopedi, ba balebedi ba kgoro le ba Banethinime, ba ya Jerusalema ka ngwaga wa bosupa wa ga Aretaserese kgosi.
8
Mme a fitlha kwa Jerusalema ka kgwedi ya botlhano, ke go re mo ngwageng wa bosupa wa kgosi.
9
Gonne e rile ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya ntlha, a simolola go bolola kwa Babilone, ya re ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya botlhano a fitlha mo Jerusalema, ka fa seatla se se molemo sa Modimo wa gagwe se leng mo go ene ka gone.
10
Gonne Esera o ne a itlhomamisitse pelo gore o tlaa batla molao wa ga Jehofa, a ba a o dira, a ba a ruta batho melao le dikatlholo mo Iseraele.
11
Jaana a ke malebela a lokwalo lo kgosi Aretaserese o lo neileng Esera moperesiti, mokwadi, e bong mokwadi wa mafoko a ditaolo tsa ga Jehofa, le wa melao ya gagwe e o e neetseng Baiseraele.
12
A re: “Aretaserese, kgosi ya dikgosi, go Esera moperesiti, mokwadi wa molao wa Modimo wa legodimo, yo o itekanetseng, a kwala jaana le jaana, ka re:
13
Ke ntsha taolo, gore bone botlhe batho ba Iseraele, mo bogosing jwa me, le baperesiti ba bone, le Balefi ba ba ratang ka pelo ya bone go ya Jerusalema, ba ye nao.
14
E re ka o rongwa ke kgosi le bagakolodi ba yone ba supa, wa ya go botsa ka ga Juta le Jerusalema, ka fa molaong wa Modimo wa gago, o o mo seatleng sa gago;
15
le go isa selefera le gouta tse kgosi le bagakolodi ba yone ba di neileng Modimo wa Iseraele ka pelo e e beleegang, Modimo o bonno jwa one bo leng kwa Jerusalema.
16
Le selefera sotlhe le gouta tse o tla di fitlhelang mo lefatsheng lotlhe la Babilone, di na le neo ya batho e e leng ya pelo e e beleegang fela, le ya baperesiti, ba ntshetsa ntlo ya Modimo e e kwa Jerusalema ka pelo e e thamileng fela;
17
ke gone o reke ka tlhoafalo yotlhe ka madi ao, dipoo le diphelefu le dikwanyana, di na le dithsupelo tsa tsone tsa boupe, le ditshupelo tsa tsone tsa noo, o di ise tshupelo mo sebesong sa ntlo ya Modimo wa lona, e e kwa Jerusalema.
18
“Se se tlaa nnang molemo mo matlhong a gago le a bana ba ga rraago go se dira ka selefera le gouta tse di salang, lo dire sone ka fa go rateng ga Modimo wa lona.
19
Le dilwana tse o di neelwang tsa tirelo ya ntlo ya Modimo wa gago, o di fitlhise fa pele ga Modimo wa Jerusalema.
20
Sengwe se sele se se ka tlhokafalang mo ntlong ya Modimo wa gago, se o bonang o tshwanetse go se ntsha, o se ntshe fela mo ntlong ya kgosi ya dikhumo.
21
“Mme nna, e bong nna, Aretaserese kgosi, ke ntshetsa baboloki botlhe ba dikhumo ba ba kwa moseja ga noka taolo, go re sengwe le sengwe se Esera moperesiti, mokwadi wa molao wa Modimo wa legodimo, o tlaa se lopang mo go lona, se dirwe fela ka tlhoafalo yotlhe,
22
go ya go fitlha kwa dikilokerameng de le 3 400 tsa selefera, dikgetsi tsa mabele, di le 100, dilitara tsa bojalwa jwa mofine di le 2 000, dilitara tsa lookwane di le 2 000 le letswai le le sa balweng selekanyo.
23
Sengwe le sengwe se se laotsweng ke Modimo wa legodimo, a se direlwe ntlo ya Modimo wa legodimo fela jalo; gonne bogale bo ka bo bo wela go reng mo bogosing jwa kgosi le bomorwa yone?
24
Gape re a lo itsise ka ga baperesiti le Balefi, baopedi, balebedi ba kgoro, Banethimine, le batlhanka ba ntlo eo ya Modimo, go re, e tlaa bo e le go tlola molao fa lo tsaya lekgetho, sehuba, kgotsa morokotso mo go bone.
25
“Mme wena Esera, ka fa botlhaleng jwa Modimo wa gago, jo bo mo seatleng sa gago, o tlhome basiamisi le baatlhodi ba ba tlaa atlholang batho botlhe ba ba kwa moseja ga noka, botlhe ba ba itseng melao ya Modimo wa gago; lo rute bone ba ba sa e itseng.
26
Le fa e le mang yo o ganang go dira molao wa Modimo wa gago, le molao wa kgosi, a a sekisiwe ka tlhoafalo yotlhe, le fa e ka bo e le ka go bolawa, gongwe ka go lelekwa, kgotsa ka go gapelwa dilo, kgotsa ka go tsenngwa mo ntlong ya kgolegelo.”
27
A go bakweng Jehofa, Modimo wa borraetsho, yo o tsentseng selo se se ntseng jalo mo pelong ya kgosi, go kgabisa ntlo ya ga Jehofa e e mo Jerusalema;
28
a bile a nkatlabaleleditse pelonomi fa pele ga kgosi le bagakolodi ba yone, le fa pele ga dikgosana tse dikgolo tsa kgosi; mme ka thatafadiwa ka fa seatla sa ga Jehofa Modimo wa me se ile sa nna mo go nna ka gone, mme ka phutha mo go Baiseraele banna ba e leng ditlhogo, gore ba tsamaye le nna.
← Chapter 6
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 8 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10