bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
James 2
James 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 3 →
1
Bagaetsho, lo se ka lwa pataganya go dumela ga lona mo go Morena wa rona Jesu Keresete, Morena wa kgalalelo, le go tlhaola batho.
2
Gonne e re fa go tsena mo ntlong ya lona ya thuto, monna mongwe a rwele lenyena la gouta, a le diaparo dintle; go ba go tsena mohumanegi yo o diaparo di maswe;
3
fa lo tlhokomela yo o apereng diaparo tse dintle, lo mo raya lo re: “Wena, a ke o dule fano bonnong jo bontle,” mme lo reye motho wa mohumanegi lo re: “Wena o eme foo, kgotsa o dule fa tlase ga sebeo sa me sa dinao,”
4
a megopolo ya lona ga e a kgaogana, a ga lo a tswa baatlhodi ba ba megopolo e e bosula?
5
Reetsang, bagaetsho ba ba rategang: A Modimo a ga o a itlhaolela ba e leng bahumanegi ka ga lefatshe leno, gore ba nne bahumi mo tumelong, le barui ba bogosi jo o bo solofeditseng ba ba o ratang?
6
Mme lona lo tlotlolotse motho wa mohumanegi. A bahumi a ga ba lo patike, ba lo gogela ka bosi kwa dinnong tsa tshekelo?
7
A ga ba tlhapatse leina le le tlotlegang le lo bidiwang ka lone?
8
Le fa go ntse jalo, fa lo dirafatsa molao o e leng wa segosi, ka fa lokwalong, go re: “O rate mongwe ka wena jaaka o ithata,” lo tlaa bo lo dira sentle.
9
Mme fa lo tlhaola batho, lo a leofa, lo bile lo tshwerwe ke molao jaaka batlodi.
10
Gonne le fa e le mang yo o bolokang molao otlhe, mme a kgotswa mo go o mongwe fela, o itirile molato mo go one otlhe fela.
11
Gonne ene yo o rileng: “O se ka wa dira boaka,” o bile a re: “O se ka wa bolaya.” Jaana le fa o sa dire boaka, mme fa o bolaya, o bo o ntse o le motlodi wa molao fela.
12
Lo bue lo bo lo dire, jaaka batho ba ba tlaa atlholwang ka molao wa kgololego.
13
Gonne katlholo ga e na kutlwelobotlhoko mo go ene yo o se kang a itshupa kutlwelobotlhoko; kutlwelobotlhoko e belafalela katlholo.
14
Go thusang, bagaetsho, fa motho a re o na le tumelo, mme a se na ditiro? A tumelo eo e ka mmoloka?
15
Fa oo rra motho, kgotsa kgaitsadia motho a sa apara, a ba a tlhoka tse e leng dijo tsa letsatsi,
16
mme mongwe wa lona a ba raya a re: “Tsamayang sentle, lo thuthafale, lo kgore,” le fa go ntse jalo lo sa ba neye dilo tse di tlhokwang ke mmele, ana go a bo go thusang?
17
Go ntse fela jalo tumelo, fa e se na ditiro e be e sule ka e yosi.
18
Ee, motho mongwe o a ba a tlaa re: “Wena o na le tumelo, nna ke na le ditiro.” Mpontsha tumelo ya gago kwa ntle ga ditiro tsa gago, mme nna ke tlaa go bontsha tumelo ya me ka ditiro tsa me.
19
O a dumela fa Modimo o le mongwe fela; o dira sentle; mewa e e maswe le yone e a dumela, mme e tsitsibane fela e rorome.
20
Motho ke wena wa boithamako, a o a itse fa tumelo e se na ditiro e a bo e se na loungo?
21
Ana Aberahame rraetsho, a ga a a siamisiwa ka ditiro ka a isitse Isake morwawe tshupelo mo sebesong?
22
O a bona fa tumelo e pataganye le ditiro tsa gagwe, mme tumelo ya dirwa boitekanelo ka ditiro.
23
Mme lokwalo lwa dirafala lo lo reng: “Aberahame a dumela Modimo, a go balelwa e le tshiamo,” a bidiwa tsala ya Modimo.
24
Lo a bona fa motho a siamisiwa ka ditiro, e seng ka tumelo e le yosi.
25
Go ntse fela jalo le ene Rahabe wa seaka, a ga a a siamisiwa ka ditiro, ka a tshola barongwa, mme a ba ngwegisa ka tsela e sele?
26
Gonne jaaka mmele fa o se na mowa, o sule; go ntse fela jalo, tumelo fa e tlhalanye le ditiro e sule.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4
5