bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
James 4
James 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 5 →
1
Ana dintwa di tswa kae, le ditlhabano di tswa kae mo go lona? A ga di tswe mo, e bong mo dikgatlhegong tse di lwang mo ditokololong tsa lona?
2
Lo tle lo eletse, mme ga lo bone sepe; lo bolaye, lo nne lefufa, lo retelelwe ke go bona sepe; lo tlhabane, lo lwe, mme ga lo bone sepe ka gobo lo sa lope.
3
Lo a lopa, mme ga lo amogele, ka gobo lo lopa ka go fosa, gore lo tle lo itirele ka gone mo dikgatlhegong tsa lona.
4
Baakafadi ke lona, a ga lo itse fa botsalano jwa lefatshe e le bobaba mo Modimong? Ke gone, yo o ratang go nna tsala ya lefatshe, o itira mmaba wa Modimo.
5
Kgotsa a lo gopola gore lokwalo lo lo buela lefela, fa lo re: Mowa o o o agisitseng mo go rona, o tlhologelelwa go ka re isa bopelotshetlheng.
6
Mme o tle o okeletse batho tshegofatso. Ke gone lokwalo lo buang lo re: “Modimo o tlhabana le baikgogomosi, mme ba ba ikokobetsang o ba neye tshegofatso.”
7
Ke gone ka re, lo ineeleng mo Modimong; tlhabanang le diabolo, mme o tlaa lo tshaba.
8
Atamelang Modimong, mme o tlaa lo atamela. Itloseng leswe mo diatleng, baleofi ke lona; lo intlafatse dipelo, lona ba lo maikutlo mabedi.
9
Ipatikeng, lo hutsafale, lo lele; a go tshega ga lona go fetoge khutsafalo, le boitumelo jwa lona bo fetoge pelo e botlhoko.
10
Ingotlafatseng fa pele ga Morena, mme o tlaa lo goletsa.
11
Lo se ka lwa sebana, bagaetsho. Yo o sebang mokaulengwe kgotsa a sekisa mokaulengwe wa gagwe, o seba molao, o sekisa molao; mme fa o nyatsa molao, ga o modiri wa molao, o mosekisi wa one.
12
Motlhomi wa molao o mongwe fela, le moatlhodi, e bong ene yo o nonofileng go boloka le go senya; wena o bo o le mang yo o sekisang wa gaeno?
13
Helang tlheng, lona ba lo tleng lo bue lo re: “Gompieno, kgotsa ka moso, re tlaa ya kwa motseng o molebe, re tlaa ya kwa motseng o molebe, re tlaa dika ngwaga teng, re reka, re ipapalela.”
14
Le mororo lo sa itse se se tlaa dirafalang ka moso. Ana botshelo jwa lona e be e le eng? Gonne lo mouwane fela, o o tleng o bonale ka lobakanyana, mme o tloge o kaologele koo.
15
Etswa lo tshwanetse go bua lo re: “Fa Morena a rata re tlaa tshela, re ba re dira se kgotsa sele.”
16
Gompieno lo ipelafatsa ka maikgantsho a lona; go ipelafatsa go mo, ke bosula gotlhe fela.
17
Ke gone, yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, ke boleo mo go ene.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5