bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jonah 2
Jonah 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 3 →
1
Foo Jona a rapela Jehofa Modimo wa gagwe, a le mo mpeng ya leruarua.
2
A re: “Ka ntlha ya pitlagano ya me ka biletsa kwa go Jehofa, mme a nkaraba, ka goa ke le mo mpeng ya Bobipo, mme wa utlwa lentswe la me.
3
Gonne o ne wa ntatlhela mo botenyeng, mo pelong ya mawatle, mme morwalela o ne o ntsentse gare; dintelo tsotlhe tsa gago, le makhubu a gago a metsi a ne a ntlolela godimo.
4
Mme ka re: ‘Ke latlhegetse koo kwa ntle fa pele ga matlho a gago; le fa go ntse jalo ke tlaa ba ke leba kwa tempeleng ya gago e e boitshepo.’
5
Metsi a ne a mpharafere, go ya go fitlha le kwa moweng; boteng bo ne bo le tikologong ya me; malele a ne a ntharile tlhogo.
6
Ka fologela kwa metheong ya dithaba; lefatshe ka mephakalego ya lone la ntswalegela ka bosakhutleng; le fa go ntse jalo o ntshitse botshelo jwa me mo moleteng, wena Jehofa Modimo wa me.
7
E rile mowa wa me o idibala mo teng ga me, ka gakologelwa Jehofa; morapelo wa me wa ya go tsena kwa go wena, mo tempeleng ya gago e e boitshepo.
8
Ba ba tlhokomelang maithamako a maaka ba tlogela boutlwelobotlhoko jwa bone ka bosi.
9
Mme nna ke tlaa go isetsa setlhabelo ka lentswe la tebogo; ke tlaa lefa se ke se ikanneng. Poloka ke ya ga Jehofa.”
10
Mme Jehofa a bua le leruarua, mme la tlhatsetsa Jona mo lefatsheng la komelelo.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3
4