bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Jonah 4
Jonah 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
1
Mme ga itumolola Jona thata, a nna bogale thata.
2
A rapela Jehofa a re: “Ke a go rapela Jehofa, a e ne e se lone lefoko la me, ke sa ntse ke le kwa lefatsheng la gaetsho? Ke gone ka moo ke akofileng ka tshabela kwa Tarešiše; gonne ke ne ke itse fa o le Modimo o o pelonomi, o o tletseng bopelotlhomogi, o le bonya go galefa, o tletse boutlwelobotlhoko, o tle o ikwatlhaele bosula.
3
Ke gone Jehofa, ke a go rapela, ka re, o tle o mpolaye, gonne mo go nna go molemo go swa bogolo go go tshela.”
4
Mme Jehofa a re: “A o dira sentle fa o nna bogale?”
5
Foo Jona a tswela kwa ntle ga motse, a dula a potile motse ntlheng ya botlhabatsatsi, mme a itirela motlaagana teng, a dula fa tlase ga one mo moriting, go tla a bona se se tlaa dirafalelang motse.
6
Jehofa Modimo a baakanya menamo ya segwana, a e tlhogisetsa go okama Jona, gore e nne moriti tlhogong ya gagwe, go mo fomodisa mo pitlaganong ya gagwe e e bosula. Jalo Jona a itumela thata ka ga menamo ya segwana.
7
Mme ya re bosigo boo sa ka moso, Jehofa a baakanya seboko, sa fetlha menamo ya segwana, mme ya swaba.
8
Ga dirala ya re letsasi le tlhatloga, Modimo wa baakanya phefo ya botlhabatsatsi e e molelo; letsatsi la thothomela mo tlhogong ya ga Jona, a ba a idibala, mme a itopela gore a swe, a re: “Go molemo mo go nna go swa bogolo go go tshela.”
9
Modimo wa raya Jona wa re: “A o dira sentle go nna bogale ka ga menamo ya segwana?” Mme a re: “Ke dira sentle go nna bogale go ya fela mo losong.”
10
Jehofa a re: “O tlhomogetse menamo ya segwana pelo, o o se kang wa fufula ka ga one, le o o se kang wa o tlhogisa; o o tlhogileng mo bosigong bo le bongwe fela, wa ba wa swa mo bosigong bo le bongwe fela.
11
A le nna ga ke a tshwanela go utlwela Ninefe botlhoko, motse o mogolo oo, o o nang le batho ba ba fetang 120 000, ba ba sa farologanyeng seatla se segolo le sa molema; le bontsi jwa dikgomo?”
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
All chapters:
1
2
3
4