bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Nehemiah 11
Nehemiah 11
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 12 →
1
Dikgosana tsa batho tsa aga mo Jerusalema; le batho ba bangwe ba thela bola, gore go tle go leriwe mongwe wa lesome lengwe le lengwe a tle go aga mo Jerusalema motse o o boitshepo, ba bangwe ba ba 9 ba nne mo metseng e mengwe.
2
Batho ba segofatsa banna botlhe ba ba ineetseng ka pelo fela ba tla go aga mo Jerusalema.
3
Jaana ba ke bone ditlhogo tsa ba lefatshe, ba ba agileng mo Jerusalema, mo metseng ya Juta; mongwe le mongwe a aga mo bosweng jwa gagwe mo metseng ya ga bone, e bong Baiseraele, baperesiti, Balefi, Banethinime le bana ba batlhanka ba ga Solomone.
4
Mo Jerusalema ga aga bangwe ba bana ba Juta le ba Benjamine. Ba bana ba Juta: Athaia morwa Usia, morwa Sekaria, morwa Amaria, morwa Shefatia, morwa Mahalalele, wa bana ba ga Perese;
5
le Maaseia morwa Baruke, morwa Kolohose morwa Hasaia, morwa Ataia morwa Joiaribe, morwa Sekaria, morwa motho wa Mošilone.
6
Bomorwa Perese botlhe ba ba agileng mo Jerusalema e ne e le banna ba ba 468, e le banna ba ba pelokgale.
7
Ba ke bomorwa Benjamine: Salu morwa Mešulame, morwa Joete, morwa Petaia, morwa Kolaia, morwa Maaseia, morwa Ithiele morwa Ješaia.
8
Morago ga gagwe Gabai, Salai, 928.
9
Joele morwa Sikeri e ne e le molebedi wa bone; Juta morwa Hasenua e ne e le wa bobedi mo taolong ya motse.
10
Ba baperesiti: Jetaia morwa Joiaribe, Jakine,
11
Seria morwa Hilekia, morwa Mešulame, morwa Satoke, morwa Meraiothe, morwa Ahitube, molaodi wa ntlo ya Modimo.
12
Le bomonnaa bone ba ba dirang tiro ya ntlo ba le 822: Ataia morwa Jerohame, morwa Pelalia, morwa Amasi, morwa Sekaria, morwa Pašure, morwa Malekia.
13
Le bomonnawe, ditlhogo tsa makgotla a borara, ba le 242; le Amašasai morwa Asarele morwa Ahasai, morwa Mešilemothe, morwa Imere,
14
le bomonnaa bone, banna ba ba pelokgale, 128; molebedi wa bone e le Sabediele, morwa Hagetolime.
15
Le ba Balefi: Shemaia morwa Hasešube morwa Asirikame morwa Hašabia morwa Buni;
16
le Shabethai le Josabate, ba ditlhogo tsa Balefi e le balebedi ba tiro e e kwa ntle ga ntlo ya Modimo;
17
le Matania morwa Mika, morwa Sabedi, morwa Asafe, e le motlhabeletsi go simolola go leboga mo thapelong, le Bakebukia, wa bobedi mo go bomorwa rraagwe; le Abete, morwa Shamua, morwa Galale, morwa Jeduthune.
18
Balefi botlhe ba ba mo motseng o o boitshepo e ne e le ba 284.
19
Gape balebedi ba kgoro, Akube, Talemone, le bomonnaa bone ba ba tshegeditseng tebelo kwa dikgorong, e le 172.
20
Ba ba setseng ba Baiseraele, ba baperesiti le ba Balefi, ba bo ba le mo metseng yotlhe ya Iseraele, mongwe le mongwe mo bosweng jwa gagwe.
21
Banethinime ba ne ba agile mo Ofele; Siha le Gišepa ba le balebedi ba Banethinime.
22
Le gone molebedi wa Balefi kwa Jerusalema e ne e le Usi morwa Bani, morwa Hašabia, morwa Matania, morwa Mika, wa bomorwa Asafe ba baopedi, e le ene molebedi wa tiro ya ntlo ya Modimo.
23
Ka gonne go no go le taolo ka ga bone e tswa kgosing, le seabe sa baopedi, se se laotsweng, ka fa letsatsi lengwe le lengwe le lopang ka gone.
24
Pethahia morwa Mešesabele wa bana ba ga Sera morwa Juta, o ne a le ka fa tsogong la kgosi mo dilong tsotlhe tse di amang batho.
25
Ka ga metsana, le matlhagare a yone, bangwe ba bana ba Juta ba aga mo Kiriathe-arabe le mo metseng ya teng, mo Dibone le mo metseng ya gone, mo Jekabeseele le mo metsaneng ya gone;
26
mo Ješua, mo Molata, le Bethepelete;
27
mo Hasare-šuale, le mo Beerešeba le mo metseng ya teng; le
28
mo Sikelage, le mo Mekona, le mo metseng ya gone;
29
le mo Enerimone, le mo Sora le mo Jaremuthe;
30
Sanoa, Adulame le metsana ya teng, Lakiše le matlhagare a teng, Aseka le metse ya teng. Jalo ba thibelela go tswa Beerešeba go ya go fitlha kwa mogogorong wa Hinome.
31
Bana ba Benjamine le bone ba aga go simolola mo Geba go ya kwa pele, kwa Mikemaše, le Aia, le kwa Bethele le metse ya gone.
32
Kwa Anathothe, Nobe, Anania;
33
Hasore, Rama, Getaima;
34
Hatite, Seboime, Nebalate;
35
Lote le Ono, e le molapo wa badiri ba ditiro tsa botswerere.
36
Le ba Balefi, makoko mangwe a diphapaano a bone mo Juta a kopanngwa le Benjamine.
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13