bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Nehemiah 6
Nehemiah 6
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 7 →
1
Jaana e rile go bolelelwa Sanebalate le Tobia le Gešeme wa Moarabia, le ba bangwe baba ba rona, fa ke agile lorako, le go re ga go a sala phatlha epe mo go lone; (le fa go ntse jalo mo lobakeng loo ke ne ke ise ke tsenye ditswalo mo dikgorong;)
2
Sanebalate le Gešeme ba roma kwa go nna, ba re: “Ntlo, re kopanele mo motsaneng mongwe mo lobaleng lwa Ono.” Mme ba bo ba gopotse go ntira bosula.
3
Ka roma batho kwa go bone, ka re: “Ke dira tiro e kgolo, mme ke retelelwa ke go fologela koo; tiro e ka bo e emelang ke e tlogela, ke fologela koo go lona?”
4
Ba fela ba roma kwa go nna gane ka mokgwa o o ntseng jaana; mme ka ba fetola ka mokgwa o le mongwe fela.
5
Foo Sanebalate a roma motlhanka wa gagwe kwa go nna ka mokgwa o o ntseng jalo lwa botlhano, a tshotse lokwalo lo lo sa kanwang;
6
go kwadilwe mo go lone ga twe: “Go bolelwa mo merafeng, le Gešamu o bua jalo, fa wena le Bajuta lo gopotse go tsuolola; ke gone ka fa o agang lorako ka teng; o rata wa bo o nna kgosi ya bone ka fa mafokong a.
7
O bile o tlhomile baperofeti go tla ba rera ka ga gago mo Jerusalema, ka go re: ‘Go na le kgosi mo Juta’; jaana go tlaa bolelelwa kgosi ka fa mafokong a. Ke gone jaana, ntlo, re gakololane mmogo.”
8
Foo ka roma kwa go ene ka re: “Ga go a dirwa dilo dipe tse di ntseng jaaka o bua, o di ikgopodisitse fela mo pelong ya gago.”
9
Gonne bao botlhe ba ne ba rata ba ka bo ba re boifisa, ba re: “Mabogo a bone a tlaa koafala mo tirong, gore e tle e se ka ya dirwa.” Mme jaana, “Modimo a ko o thatafatse mabogo a me.”
10
Ka ya kwa ntlong ya ga Shemaia morwa Delaia morwa Mehetabele yo o ne a tswaletswe; mme a re: “A re kopanele mo ntlong ya Modimo, mo teng ga tempele, a re tswale tempele; gonne ba tlaa tla go go bolaya; ee, ba tlaa tla go go bolaya bosigo.”
11
Mme ka re: “A monna yo o tshwanang jaaka nna o ka tshaba? Go na le mang, yo o reng a ntse jaaka ke ntse a tle a ye go ipolokela botshelo mo tempeleng? Ga ke tsene.”
12
Ka lemoga gore Modimo o ne o sa mo roma; mme a bolela fela polelo eo ka ga me; Tobia le Sanebalate ba ne ba mo thapile ka tuelo.
13
O ne a thapetswe gone moo, gore ke tle ke boife, le gore ke dire jalo ke leofe, le gore ba tle ba bone ka fa ba ka buang bosula ka gone, go tla ba nkgoba.
14
Modimo wa me, A ko o gakologelwe Tobia le Sanebalate ka fa ditirong tse tsa bone, le ene Noadia moperofeti wa sesadi, le baperofeti ba bangwe ba ba ratang ba ka bo ba mpoifisitse.
15
Jalo lorako lwa wediwa ka letsatsi la 25 la kgwedi ya Elule, ka malatsi a le 52.
16
E rile baba botlhe ba rona ba utlwa ka ga gone, ditšhaba tsotlhe tse di mo tikologong ya rona tsa boifa, tsa ipona ka tsosi fa di ngotlafetse thata: gonne ba lemoga fa tiro e dirilwe ke Modimo wa rona.
17
Gape ya re mo metlheng eo magosana a Juta a nna a romela dikwalo di le dintsi kwa go Tobia, le gone dikwalo tsa ga Tobia tsa tla kwa go bone.
18
Gonne go no go le bantsi mo Juta ba ba mo ikanetseng ka e le mogwaagwe Shekania morwa Ara; le Jehohanane morwawe o ne a nyetse morwadia Mešulame morwa Berekia.
19
Le gone ba bua ka ga ditiro tsa gagwe tse di molemo fa pele ga me, ba ba ba mmolelela mafoko a me. Mme Tobia a romela dikwalo go tla go mpoifisa.
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13