bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Song of Solomon 4
Song of Solomon 4
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 5 →
1
Bona, o montle moratwa wa me; bona o montle; matlho a gago a ntse jaaka matseba ka fa teng ga sesiro sa gago; moriri wa gago o ntse jaaka letsomane la dipodi le le robetseng fa mohapheng wa thaba ya Gileate.
2
Meno a gago a ntse jaaka letsomane la dinku tse dinamagadi tse di beotsweng seša, tse di tlhatlogileng mo tlhapisong; tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le bana ba mafatlha, le tse go se nang epe mo go tsone e e swetsweng.
3
Dipounama tsa gago di ntse jaaka tlhale e e ntseng e re, tlere! Molomo wa gago le one o montle; dipupu tsa gago tsa matlho di ntse jaaka kgapetla ya garanate ka fa teng ga sesiro sa gago.
4
Thamo ya gago e ntse jaaka kago e e godileng ya ga Dafite, e e agetsweng polokelo ya dibolao, e go pegilweng menakane e le sekete mo go yone, dithebe tsotlhe tsa banna ba ba dinatla.
5
Mabele a gago a mabedi a ntse jaaka ditshetswana di le pedi, tsa mafatlha tse di hulang mo dithunyeng tsa masoma.
6
Ke tlaa ikela kwa thabeng ya mera, le kwa thabaneng ya lebano go tsamaya letsatsi le fela, le meriti e fofela koo.
7
O montle gotlhe fela moratwa wa me; ga go na setshubaba mo go wena.
8
Tswa le nna mo Lebanone; mogatsaka, o tswe le nna mo Lebanone; leba o le kwa tlhoreng ga Amana, o le kwa tlhoreng ga Senire le Heremone, o le kwa dikutleng tsa ditau, o le mo dithabeng tsa dinkwe.
9
O tsubutse pelo ya me, kgaitsadiaka, mogatsaka; o tsubutse pelo ya me ka leitlho le le lengwe fela la gago, ka mpolokwane o le mongwe fela wa thamo ya gago.
10
Lorato lwa gago lo lontle jang, kgaitsadiaka, mogatsaka! Lorato lwa gago lo molemo jang bogolo go bojalwa jwa mofine! Le lonko lwa ditlolo tsa gago bogolo go dinkgisa monate tsotlhe fela!
11
Dipounama tsa gago, mogatsaka, di rotha jaaka lomepe lwa dinotshe, dinotshe le maši di fa tlase ga loleme lwa gago; lonko lwa diaparo tsa gago lo ntse jaaka lonko lwa Lebanone.
12
Kgaitsadiake, mogatsake ke tshimo e e tswaletsweng, ke sediba se se tswaletsweng, ke motswedi o o kanetsweng.
13
Matlhogela a gago ke tshimo ya digaranate, e e nang le maungo a a tlhokegang; motlhatswameno le ditlhatshana tsa nareto;
14
nareto le saferone, kalamuse le kinamone, di na le ditlhare tsotlhe tsa lebano; mera le aloe, di na le dinkgisa monate tsotlhe tse di itsegeng.
15
O motswedi wa masimo, sediba se se metsi a a tshedileng, le dinokana tse di elelang di tswa Lebanone.
16
Tsoga, wena phefo ya botsheka; o tle, wena borwa; fokela tshimo ya me, gore dinkgisa monate tsa yone di aname. A moratwa wa me a tle mo tshimong ya gagwe, mme a je maungo a gagwe a a tlhokegang.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8