bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Titus 1
Titus 1
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 2 →
1
Ke nna Paulo, motlhanka wa Modimo, le moaposetole wa ga Jesu Keresete, ka fa tumelong ya baitshenkedwi ba Modimo, le ka fa kitsong ya boammaaruri e e ka fa poifongmodimo,
2
mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng, jo Modimo, o o sa ka keng wa aka, o bo solofeditseng batho pele ga metlha e e se nang tshimologo;
3
mme wa bonatsa lefoko la one mo metlheng e e leng yone, ka taetso e ke e neetsweng ka fa taolong ya Modimo Mmoloki wa rona.
4
Ke kwalela Tito, ngwanake ruri ka fa tumelong e re e tlhakanetseng: Tshegofatso le kagiso, tse di tswang Modimong Rara le Keresete Jesu Moreboloki.
5
Ke ne ka go tlogela kwa Kerete ka gone moo, gore o tle o rulaganye dilo tse di neng di tlhaela, le gore o tlhome bagolwane mo motseng mongwe le mongwe jaaka ke go laile;
6
ke raya fa o fitlhela monna e le yo o se nang molato, e le monna yo o mosadi mongwe fela, a na le bana ba ba dumelang, ba ba sa bolelweng ka molato wa tlhapelo, kgotsa e le ba ba ganang taolo.
7
Gonne mookami wa phuthego o tshwanetse go nna motho yo o se nang molato, jaaka molebalebedi wa Modimo; e se yo o ikgantshang, e se yo o bonako go galefa, e se yo o losiwang ke bojalwa, e se moitei, e se yo o bolaelwang ke khumo e e maswe pelo;
8
mme e le yo o tlwaetseng go tshola batho, e le morati wa se se molemo, e le yo o mogopolo o o lekalekanyeng, a le tshiamo, a le boitshepo, a na le go ikgapa;
9
a ngaparetse lefoko le le ikanyegang, le le leng ka fa thutong, gore a tle a nonofe go laya ka thuto e e itekanetseng, le go fenya baganetsi.
10
Gonne go na le batho ba le bantsi ba ba ganang taolo, e le babui ba ba ithamakang fela, le batsietsi mme bogolo bone ba bogwera,
11
ba melomo ya bone e tshwanetseng go thijwa; e le batho ba ba ribigetsang ba matlo ba le mmogo, ba ruta batho dilo tse di sa tshwanelang, e le gore ba tle ba bone khumo.
12
Mongwe wa bone, e le mokaedi mongwe wa bone, o rile: “Bakerete ke baaki ka gale le ka gale, ba sefolofolo se se maswe, ke dijabele tse di bobodu fela.”
13
Tshupo eo ke boammaaruri. O ba kgalemele thata ka ntlha ya gone moo, gore ba tle ba itekanele mo tumelong.
14
Ba sa tlhokomele mainane a Sejuta, le ditaolo tsa batho ba ba fapogang boammaaruri.
15
Mo go ba ba itshekileng, dilo tsotlhe di itshekile; mme mo go ba ba leswe, le ba ba sa dumeleng, ga go sepe se se itshekileng; mme go le tlhaloganyo ya bone e leswe, le segakolodi sa bone se leswe.
16
Ba re ba itse Modimo; mme ba o itatole ka ditiro tsa bone, ka ba le makgapha, ba le kgopo, ba tlhobosegile ka ga tiro nngwe le nngwe e e molemo.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3