bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
/
Titus 2
Titus 2
Tswana (BAEBELE e e Boitshepo) 1992
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 3 →
1
Mme wena o tle o bue dilo tse di tshwanetseng thuto e e itekanetseng.
2
Ke go re, a bannabagolo ba itse go ikgapa, ba nne masisi, ba nne mogopolo o o lekalekanyeng, e nne ba ba itekanetseng mo tumelong, le mo loratong, le mo bopeloteleleng;
3
le gore basadibagolo le bone ba nne masisi mo mokgweng wa bone, e se bapateletsi, ba sa lemalela bojalwa, e le ba ba rutang batho se se molemo;
4
gore ba rute basadi ba meroba go rata banna ba bone, le go rata bana ba bone.
5
Le go nna mogopolo o o lekalekanyeng, ba le boitsheko, e le ba ba itirelang mo gae, ba le pelonomi, ba le kutlo mo banneng ba bone, gore lefoko la Modimo le se tlhapadiwe.
6
Le makau, o ba laye gore ba nne mogopolo o o lekalekanyeng;
7
o ntse o itshupa mo dilong tsotlhe o le sekao sa ditiro tse di molemo; le mo thutong ya gago o itshupe o le pelontle, o le masisi,
8
o le puo ya tlhomamo, e e sa kakeng ya nyadiwa; e tle e re yo o ganetsang a tlhajwe ke ditlhong, a tlhokile sa bosula se o se buang ka ga rona.
9
Laya batlhanka gore ba ineele go utlwa ba e leng beng ba bone, ba ba kgatlhe mo dilong tsotlhe; ba sa buse lerumo;
10
ba sa ngobetse, mme ba itshupe boikanngo jotlhe jo bo molemo, gore ba kgabise thuto ya Modimo Moreboloki mo dilong tsotlhe.
11
Gonne tshegofatso ya Modimo e bonetse, e tlela batho botlhe poloko.
12
E re ruta gore e tle e re re ntse re ikgaogantse le boikepo, le dithato tsa lefatshe, re bo re tshela ka go ikgapa, le ka tshiamo, le ka poifomodimo, mo motlheng wa gompieno;
13
re ntse re lebeletse tsholofelo ya letlhogonolo, le ponatshego ya kgalalelo ya Modimo o mogolo wa rona, le Moreboloki Jesu Keresete;
14
yo o re intsheditseng gore a re rekolole mo tshiamololong yotlhe, le gore a intlafaletse batho ba ba tlaa nnang boswa jwa gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.
15
Bua dilo tse, o bo o laye ka tsone, o bo o kgalemele ka taolo yotlhe. Motho ope a se ka a go nyatsa.
← Chapter 1
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 3 →
All chapters:
1
2
3