bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
Ecclesiastes 9
Ecclesiastes 9
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 10 →
1
AMARURE ka nela pelu ea me go cotleñ tse, gore ki tlaloganye cotle ka thanolo, ha basiami le matlale, le tiho tsa bona li mo atleñ sa Morimo: le lona lorato le kilo, mothu a sa itse ka cotle tse ri ha pele ga gague.
2
Cotle li rihalela botle mo cuanoñ; tihalo e le eñue e rihalela mosiami le moikepi; oa molemo le moitseki, le eo o sa itsekañ; ena eo o tlabelañ, le ena eo o sa tlabeleñ; go cuana le eo molemo, moleohi o ntse yalo; ena eo o ikanañ yaka eo o boihañ ikano.
3
Yo ki boshula mo liloñ cotle tse ri rihalañ tlatse ga letsatsi, ha tihalo e le eñue e rihalela botle: E, le gona, pelu tsa bana ba bathu li tletse boshula, le botseno bo mo peluñ tsa bona ka ba sa tserile; mi morago ga mouo ba ea kua bashuiñ.
4
Gone go le culuhelo go ena eo o kopancoeñ le batseri botle: gone nca e e tserileñ e molemo bogolu go tau e e shuleñ.
5
Gone batseri ba itse ha ba tla shua; mi bashui ga ba itse sepe, le gona ga ba tlole ba na le tuelo; gone khakologelo ea bona e lebecoe.
6
Le lona lorato loa bona le tloo ea bona, le pelutsetla ea bona, e herile le yana; le gona ga ba tlole ba na le kabelo ka bosakhutleñ mo go sepe se se rihalañ tlatse ga letsatsi.
7
Ea, mi u ye señkhue sa gago ka boitumelo, mi noa boyaloa yoa gago ka pelu e e monate; gone le gona Morimo o nateheloa ki tiho tsa gago.
8
A liaparo tsa gago li ne li cueu ka gale; mi a tlogo ea gago e si tlokaha-leloe ki loukuane.
9
Tsela ka boitumelo le mosari eo u mo ratañ mo malatsiñ aotle a botselo yoa gago yoa boithamako, a Morimo o a gu neileñ tlatse ga letsatsi, mo malatsiñ aotle a gago a boithamako: e ki eona kabelo ea gago mo tseloñ yonu, le ea khokholelo ea gago e u e khokholelañ tlatse ga letsatsi.
10
Cotle tse, atla sa gago se li bonañ go li riha, riha tse ka nonoho ea gago; gone go sina tiho, le togomano, le kico, le botlale mo bobipoñ, kua u eañ gona.
11
Ka menoga, mi ka bona tlatse ga letsatsi, ha tsiano e le e si go ba ba siañ, le tlabano e le e si go linatla, le gona liyo li si go ba botlale, le gona lohumo lo si go batlaloganyi, le gona tsalano e le e si go baitse; mi motla le tihalo li rihalela botle ba.
12
Gone le ena mothu ga a itse motla oa gague: yaka litlapi tse ri cuaroañ ka seru sa boshula, le yaka linonyane tse ri cuaroañ ka seru; bana ba bathu le bona ba raecoe yalo mo motleñ oa boshula, mogañ o oelañ go bona ka coganeco.
13
Le botlale yo ki bo bonye tlatse ga letsatsi, mi bo le bo le bogolu go ’na:
14
Go le go le motsana, le banona banye mo go ona; mi ga tla khosi e kholu go ona, ea o tlasela, mi ea o agela likago tsa tlabanelo tse ri kholu;
15
Mi ga bonoa mo go ona monona oa mohumanegi eo o tlalehileñ, eo o la a golola motse ka botlale yoa gague: mi go si ope eo o la a gopola monona eouo oa mohumanegi.
16
Eriha gona ki reñ, Botlale bo molemo bogolu go thata: leha gontse yalo botlale yoa mohumanegi boa nyarioa, le mahuku a gague ga a utluioe.
17
Mahuku a matlale, a utluioa mo tirimaloñ bogolu go go gala ga gague eo o busañ mo lieleeleñ.
18
Botlale ki molemo bogolu go lilo tsa tlabano: mi moleohi a le moñue hela o hetsa tsa molemo lintsi.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12