bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
/
Song of Solomon 8
Song of Solomon 8
Tswana 1890 (Bibela ea Boitsépho 1890 (Sechuana Tlhaping - Moffatt Bible))
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
1
AU, u kabo u le ’nnake eo o amuleñ mabele a ga mme! ki gona ’nko ki gu bona mo mileñ, ’nko ki gu atla; mi ’nko ki si ka ka nyarioa.
2
’Nko ki gu goga, ki gu isa kua tluñ ea ga mme, mi u ko u ’nthuta: ’nko ki gu nosa ka boyaloa yo bo pekancoeñ yoa boyaloa yoa ligeranata tsa me.
3
Atla sa gague sa molema se kua tlatse ga tlogo ea me, mi atla sa gague se se siameñ se ’ntlamparela.
4
Lona bomoroaria Yerusalema, kia lo ikanisa, gore lo si cose, le esiñ go kubula morati oa me e tsamaee a khatloe.
5
¶ E mañ eo, eo o coañ mo bogareñganaga, a ikaega mo moratiñ oa gague? Ki le ka gu cosa tlatse ga mesi-terona: mago o la a gu beelela gona: ena eo o gu tsetseñ, a gu beelela gona.
6
¶ ’Mpaea yaka sekanelo mo peluñ ea gago, yaka sekanelo mo cogoñ ya gago: gone lorato lo thata yaka loshu; mi lehuha le bolalome yaka phupu; magala a yeona ki magala a molelo, le khabu e e lailañ.
7
Metse mantsi a sa kake a tima lorato, le gona melapo ga e kake ea lo hupetsa: leha moñue a ko a nela lorato lithoto tsa eintlu ea gague cotle, o ko a nyalelerioa rure.
8
¶ Re na le khantsaria rona eo motlana, mi a sina mabele: re tla rihelañ khantsaria rona mo tsatsiñ ye o tla locoañ ka yeona?
9
Ha a le lorako, re tla aga paliso ea selevera go ena: mi ha a le moyako, re tla mo rikolosa ka limati tsa mosedara.
10
Ki lorako, mi mabele a me a cuana le liturio: ki gona ki bonyeñ kagisho mo maitloñ a gague.
11
Solomone a na le tsimo ea movina kua Baala‐hamona; a e laleletse baleberi tsimo ea movina; moñue le moñue a tlisetsa louñuo loa eona liselevera li uan thousanda.
12
Tsimo ea movina ea me e ki nañ naeo, e ha pele ga me: Solomona, liselevera li uan thousanda ki tsa gago, mi li tu hundereda ki tsa baleberi ba louñuo loa eona.
13
Uena eo o nntseñ mo masimoñ, lilekane li tlokomela koru ea gago: u e ’nkutluse.
14
¶ Morati oa me, akoha u tle, mi u ne yaka tsephe khotsa kukamana mo lithabeñ tsa lilo tsa loñko.
← Chapter 7
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8