bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Kings 12
2 Kings 12
Tswana Setswana 1970
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 13 →
1
Joase a nna kgosi ka ngwaga wa bosupa wa puso ya ga Jehu, a busa dinyaga di le 40 kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Sibja wa Bereseba.
2
Mme Joase a dira tse di siameng mo matlhong a Morena ka malatsi otlhe a gagwe a moperesiti Joyata o neng a mo gakolola ka ona.
3
Fela dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa. Batho ba ne ba sa ntse ba dira ditlhabelo le go tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo.
4
Joase o kile a laela baperesiti a re: “Madi aotlhe a a tlisiwang kwa Ntlong ya Morena e le dineo tse di boitshepo le madi a motho o a ntshisiwang ka fa moperesiti a mo kayang ka teng le madi aotlhe a motho o a tlisang ka bogagagwe kwa Ntlong ya Morena,
5
a baperesiti ba a tsee, mongwe le mongwe mo go ba a ba itseng; fela a ba baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo ka ona gongwe le gongwe fa go senyegileng teng.”
6
Jaanong ya re ka ngwaga wa 23 wa puso ya kgosi Joase baperesiti ba ise ba baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo,
7
kgosi Joase a bitsa moperesiti Joyata le baperesiti ba bangwe a ba botsa a re: “Ke ka ntlha ya eng fa lo sa baakanye tshenyego ya Ntlo ya Modimo? Jaanong he, lo se ka lwa tlhola lo tsaya madi mo go ba lo ba itseng, mme lo a ntshetse tshenyego ya Ntlo ya Modimo.”
8
Mme baperesiti ba dumela gore ga ba ne ba tlhola ba tsaya madi mo bathong le e seng go baakanya tshenyego ya Ntlo ya Modimo.
9
Ke fa moperesiti Joyata a dira letlole, a phunya letshoba mo sekhurumelong sa lone, a le baya fa thoko ga aletare ntlheng ya le le jang fa motho a tsena mo Ntlong ya Morena, mme baperesiti ba ba disang mojako ba tsenya madi aotlhe mo go lone a a tlisiwang kwa Ntlong ya Morena.
10
Mme e ne ya re fa ba bona go le madi a mantsi mo letloleng, go tlhage mokwaledi wa kgosi le moperesiti yo mogolo, ba a tshele kgetsaneng ba bale madi a a fitlhelwang kwa Ntlong ya Morena;
11
ba neele madi a a badilweng mo diatleng tsa baokamedi ba tiro kwa Ntlong ya Morena, mme bao ba duele babetli le baagi ba ba tshwereng tiro kwa Ntlong ya Morena
12
le baagi ba dipota le babetli ba majwe; gape go rekwe dikgong le majwe a a betlilweng go baakanya tshenyego ya Ntlo ya Morena le tsotlhe tse di batlegang go baakanya Ntlo ya Morena.
13
Fela kwa Ntlong ya Morena ga se ka ga dirwa megopo ya selefera le dithipa le dinkgwana tsa go kgatsha le diphala le e seng sediri sepe sa gouta le e seng sa selefera ka madi a a tlisiwang kwa Ntlong ya Morena.
14
Mme a neelwa baokamedi ba tiro gore ba baakanye Ntlo ya Morena ka ona.
15
Le gona ba ne ba se ka ba balabadisa banna bao ba ba neelwang madi diatleng gore ba a neele badiri ba tiro, mme ba dira ka go ba ikanya.
16
Fa e le madi a tlhabelo ya molato le madi a ditlhabelo tsa boleo one a ne a sa tlhakanngwe le a Ntlo ya Morena, mme e ne e le a baperesiti.
17
Metlheng eo ga bolola Hasaele kgosi ya Siria, a tlhasela motse wa Gathe a o thopa. A ba a ikaelela go ya go tlhasela Jerusalema.
18
Ke fa Joase kgosi ya Juta a tsaya dineo tse di boitshepo tsotlhe tse Josafate le Jorame le Ahasia borraagwe dikgosi tsa Juta ba neng ba di abetse Ntlo ya Morena le dineo tse di boitshepo tsa gagwe le gouta yotlhe e e mo dikhumong tsa Ntlo ya Morena le tsa ntlo ya kgosi, a di romela Hasaele kgosi ya Siria. Ya baa gona a tlogelang Jerusalema.
19
Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joase le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
20
Mme batlhanka ba gagwe ba mo tsogela, ba tsosa moferefere, ba bolaya Joase mo ntlong ya Milo fa go iwang kwa Sila.
21
A bolawa ke Josagare morwa Simeathe le Josabate morwa Somere, batlhanka ba gagwe, a swa, a fitlhwa fa go borraagwe mo motseng wa ga Dafita. Mme Amasia morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 11
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 13 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25