bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Kings 20
2 Kings 20
Tswana Setswana 1970
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 21 →
1
Mo metlheng eo Hesekia o ne a lwala lwa go swa. Ke fa moporofeti Jesaya morwa Amotse a tla kwa go ene, a mo raya a re: “Morena o bua jaana a re: ‘Laela ba lapa la gago! Gonne o tla swa, ga o kitla o phela.’ ”
2
Ke fa Hesekia a gadimela kwa loboteng, a rapela Morena a re:
3
“Ao, Morena, a ko o gakologelwa ka fa ke sepetseng ka teng fa pele ga gago ka boammaaruri le ka pelo yotlhe, ka dira tse di molemo mo matlhong a gago.” Hesekia a ba a lela thata.
4
Mme ya re Jesaya a ise a tswe lapeng le le fa gare, lefoko la Morena la fitlha kwa go ene la re:
5
“Boa o ree Hesekia, moeteledipele wa morafe wa me, o re: ‘Morena, Modimo wa ga Dafita rraago, o bua jaana o a re: Ke utlwile thapelo ya gago, ka bona dikeledi tsa gago. Bona, ke tla go fodisa. O tla tlhatlogela kwa Ntlong ya Morena ka letsatsi la boraro.
6
Ke tla okeletsa malatsi a gago dinyaga di le 15. Le gona ke tla go pholosa mmogo le motse o mo seatleng sa kgosi ya Asiria, ke femela motse o ka ntlha ya me le ka ntlha ya ga Dafita motlhanka wa me.’ ”
7
Jesaya a ba a re: “Tlisang molemo o o tutetsang wa difeie.” Ya re ba o tlisa le go o baya mo tlhagaleng, a fola.
8
Mme Hesekia a botsa Jesaya a re: “Sesupo sa gore Morena o tla mphodisa le sa gore ke tla tlhatlogela kwa Ntlong ya Morena ka letsatsi la boraro, ke eng?”
9
Jesaya a re: “Sesupo sa gago se se tswang mo Moreneng sa gore Morena o tla dirafatsa se a se buileng, ke se: Itlhophele: A moriti o fetele pele dikgato di le some gongwe o boele kwa morago dikgato di le some?”
10
Hesekia a re: “Go botlhofo mo moriting go fetela pele dikgato di le some; nnyaya, a moriti o boele kwa morago dikgato di le some.”
11
Ke fa moporofeti Jesaya a rapela Morena, mme Morena a busetsa moriti kwa morago dikgato di le some tse o setseng o di fetile mo go sesupa-nako sa ga Ahase.
12
Ya re ka sebaka seo Berotage-Balatane morwa Balatane kgosi ya Babele a romela dikwalo le dineo kwa go Hesekia; gonne o ne a utlwile fa Hesekia a ne a lwala.
13
Hesekia a itumelela barongwi, a ba bontsha ntlo yotlhe ya mahumo, e bong selefera le gouta le makga le lookwane lo lo molemo le ntlo ya marumo a gagwe le dilo tsotlhe tse di leng teng mo mahumong a gagwe; go se na sepe se Hesekia a se kang a se ba bontsha mo ntlong ya gagwe le mo pusong yotlhe ya gagwe.
14
Ke fa moporofeti Jesaya a tla kwa go kgosi Hesekia a mmotsa a re: “Ba tlile kwa go nna ba tswa kwa lefatsheng le le kgakala la Babele.”
15
A ba a botsa a re: “Ba bonyeng mo ntlong ya gago?” Hesekia a araba a re: “Ba bonye tsotlhe tse di mo ntlong ya me. Ga go na sepe mo mahumong a me se ke sa se ba bontshang.”
16
Ke fa Jesaya a raya Hesekia a re: “Utlwa lefoko la Morena!
17
Bona, malatsi a tla tla mogang tsotlhe tse di mo ntlong ya gago le tse borraago ba di phuthileng go fitlha kajeno di isiwang kwa Babele go sa tlogelwe sepe, go bua Morena.
18
Mme ba tla tsaya bangwe ba bana ba gago, ba ba tla tswang mo go wena, ba o tla ba tsalang, mme e tla nna batlhanka mo ntlong ya borena ya kgosi ya Babele.”
19
Ke fa Hesekia a raya Jesaya a re: “Lefoko la Morena le o le buileng le molemo.” A ba a re: “Kana ga se sepe, fa go le kagiso le boikanyego mo malatsing a me.”
20
Ditirafalo tse dingwe tsa ga Hesekia le ditiro tsotlhe tsa gagwe tsa bopelokgale le jaaka a ne a dira letamo le mosele, a tlisa metsi mo motseng, kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
21
Mme Hesekia a robala le borraagwe, mme Manase morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
← Chapter 19
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 21 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25