bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Kings 24
2 Kings 24
Tswana Setswana 1970
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 25 →
1
Mo metlheng ya gagwe ga tlhaga Nebukatenesare kgosi ya Babele, mme Joyakime a nna motlhanka wa gagwe dinyaga di le tharo; ya baa gona a mo tlhanogelang gape.
2
Ke fa Morena a mo romela dinokwane tsa Bakalatea le tsa Basiria le tsa Bamoabe le tsa Baamone; a di romela kwa Juta go mo nyeletsa ka fa lefokong la Morena le o le buileng ka baporofeti, batlhanka ba gagwe.
3
Ga dirafalela Bajuta jalo ka ntlha ya taelo ya Morena fela e le go ba tlosa fa pele ga sefatlhego sa gagwe ka ntlha ya maleo a ga Manase a tsotlhe tse o neng a di dira
4
le ka ntlha ya madi a a se nang molato a Manase o neng a a tsholola, a tlatsa Jerusalema madi a a se nang molato, Morena a se ka a rata go ba itshwarela.
5
Ditirafalo tse dingwe tsa ga Joyakime le tsotlhe tse o neng a di dira kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa sebaka sa dikgosi tsa Juta.
6
Mme Joyakime a robala le borraagwe, mme Joyagine morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.
7
Kgosi ya Egepeto ya se ka ya tlhola e bolola mo lefatsheng la yona; gonne kgosi ya Babele e ne e thopile tsotlhe tse e neng e le tsa kgosi ya Egepeto go tloga kwa nokaneng ya Egepeto go ya go fitlha kwa nokeng ya Ferathe.
8
Joyagine o ne a le dinyaga di le 18, fa a nna kgosi, a busa dikgwedi di le tharo kwa Jerusalema. Leina la ga mmaagwe e ne e le Nehusetha morwadia Elenathane wa mo Jerusalema.
9
A dira tse di bosula mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile rraagwe.
10
Ka sebaka seo batlhanka ba ga Nebukatenesare kgosi ya Babele ba bololela Jerusalema, mme motse wa dikanyediwa ke ntwa.
11
Mme ya re Nebukatenesare kgosi ya Babele e tla ka yosi go tlhasela motse, batlhanka ba yona ba ntse ba o dikanyeditse,
12
Joyagine, kgosi ya Juta, a tswela kwa kgosing ya Babele go ineela, ene le mmaagwe le batlhanka ba gagwe le dikgosana tsa gagwe le badiredi ba lapa la gagwe, mme kgosi ya Babele ya mo golega ka ngwaga wa robedi wa puso ya yona.
13
Kgosi ya Babele ya ba ya tsena mo motseng, ya ntsha teng mahumo otlhe a Ntlo ya Morena le mahumo a ntlo ya kgosi, ya thubaganya dilo tsotlhe tsa gouta tse di neng di dirilwe ke Salomo, kgosi ya Iseraele, mo Tempeleng ya Morena, jaaka go ne ga bua Morena.
14
Ya isa batho botlhe ba Jerusalema le dikgosana tsotlhe le bagale botlhe mo botshwarong, e bong ba le 10 000 mmogo le ditswerere tsotlhe le bathudi; ga se ka ga sadisiwa ope fa e se batho ba ba humanegileng ba lefatshe fela.
15
Ya isa Joyagine botshwarong kwa Babele le mma-kgosi le basadi ba kgosi le badiredi ba yona le baeteledipele ba lefatshe, ya ba ntsha mo Jerusalema, ya ba isa botshwarong kwa Babele
16
le banna botlhe ba ba maatlametlo ba le 7 000 le ditswerere le bathudi ba le 1 000, botlhe e le bagale ba ba itseng ntwa, kgosi ya Babele ya ba isa botshwarong kwa Babele.
17
Mme kgosi ya Babele ya dira Mathanya rrangwanaagwe Joyagine kgosi mo boemong jwa gagwe, ya fetola leina la gagwe, ya mmitsa Setekia.
18
Setekia o ne a le dinyaga di le 21, fa a nna kgosi; a busa dinyaga di le 11 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e ne e le Hamutale, morwadia Jeremia wa kwa Lebena.
19
A dira tse di bosula mo matlhong a Morena fela jaaka go dirile Joyakime.
20
Gonne go ne ga dirafalela Jerusalema le Juta jalo ka ntlha ya bogale jwa Morena ga tsamaya a ba latlha, a ba tlosa fa pele ga sefatlhego sa gagwe. Mme Setekia a tlhanogela kgosi ya Babele.
← Chapter 23
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 25 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25