bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Samuel 13
2 Samuel 13
Tswana Setswana 1970
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 14 →
1
Morago ga moo ga dirafala tse: Abesalomo morwa Dafita o ne a na le kgaitsadie yo montle, leina la gagwe e le Thamare; mme Amenone morwa Dafita a mo rata.
2
Jaanong Amenone a tshwenyega, mo a bileng a lwala ka ntlha ya ga Thamare kgaitsadie. E bile Amenone a fitlhela go pala go mo dira sengwe, gonne e ne e le lekgarebe.
3
Mme Amenone a bo a na le tsala, leina la yona e le Jonatabe morwa Šimea, mogoloa Dafita. Jonatabe e ne e le monna yo o botlhale thata.
4
Ene a mmotsa a re: “Morwa kgosi, ke ka ntlha ya eng fa o tlhonya mo go kana moso mongwe le mongwe? A ga o ka ke wa mpolelela?” Amenone a mo araba a re: “Ke ka go re ke rata Thamare kgaitsadia Abesalomo morwa-rre.”
5
Mme Jonatabe a mo raya a re: “Robala mo bolaong jwa gago, o itwatse, mme e re rraago a tla go go lekola, o mo ree o re: ‘A Thamare kgaitsadiake a tle, a njese, a baakanye dijo fa pele ga me gore ke lebe, ke jele mo diatleng tsa gagwe.’ ”
6
Amenone a robala jalo, a itwatsa. Ya re kgosi e tla go mo lekola, Amenone a raya kgosi a re: “A Thamare kgaitsadiake a tle a bese dikuku tse di monate di le pedi fa pele ga me gore ke di jele mo diatleng tsa gagwe.”
7
Ke fa Dafita a roma motho kwa ntlong go raya Thamare a re: “A ko o ye kwa ntlong ya ga Amenone kgaitsadio, o mo direle dijo.”
8
Thamare a ya kwa ntlong ya ga Amenone kgaitsadie, ene a ntse a rapame, a feta a tsaya matlhabego, a duba bupe, a dira dikuku tse di monate fa pele ga gagwe, a ba a di besa.
9
A tlhatlola pane, a di mo tsholela; mme a gana go ja. Jaanong Amenone a re: “A botlhe ba tswe, ba tloge fa go nna.” Ba tswa botlhe, ba mo tlogela.
10
Jaanong Amenone a raya Thamare a re: “Tlisa dijo kwano mo kamoreng gore ke jele mo diatleng tsa gago.” Thamare a tsaya dikuku tse a di dirileng, a di isa mo kamoreng kwa go Amenone kgaitsadie.
11
Mme ya re a di mo atametsa gore a je, Amenone a mo tshwara a mo raya a re: “Robala le nna, kgaitsadiaka!”
12
Mme Thamare a mo raya a re: “Nnyaya, kgaitsadiaka, o se ka wa nkgatelela; gonne ga se mokgwa wa rona Baiseraele. O se ka wa dira bosilo jo bo ntseng jalo.
13
Nka tla ka isa ditlhong tsa me kae? Le wena o ka nna jaaka lesilo mo Baiseraeleng. Bogolo bua le kgosi. Kana ga e kitla e go ganela ka nna.”
14
Mme a se ka a utlwana nae; a mo gatelela, a mo tlotlolola, a mo robala.
15
Ke fa Amenone a simolola go mo ila ka kilo e kgolo thata. E bile kilo e a mo ilang ka yona ya feta lorato lo o neng a mo ratile ka lone, mme Amenone a mo raya a re: “Tsoga, o tsamae!”
16
Mme Thamare a mo raya a re: “Fa e le bosula jo bogolo joo jwa go nkoba, bo feta jo bongwe jo o bo dirileng mo go nna.” Mme a se ka a rata go mo reetsa.
17
A ba a bitsa motlhanka wa gagwe, a mo raya a re: “Ntshetsa motho yo kwa ntle, o mo tlose fa go nna, o tswale setswalo a sena go tswa.”
18
Thamare a bo a apere seaparo se seleele se se nang le mabogo, ka bomorwadia kgosi ba e leng makgarebe ba ne ba apara mesese e e jalo. Mme ya re motlhanka wa gagwe a sena go mo ntshetsa kwa ntle le go mo tswalela,
19
Thamare a itshela molora mo tlhogong, a gagola seaparo se se nang le mabogo se a se apereng, a ithwala megono, a tsamaya a bokolela.
20
Mme Abesalomo kgaitsadie a mmotsa a re: “A Amenone kgaitsadio o ne a nna nao? Mme jaanong, kgaitsadiaka, didimala, ke kgaitsadio. O se ka wa ela selo seo tlhoko.” Thamare a nna jalo mo ntlong ya ga Abesalomo kgaitsadie, a swetswe.
21
Ya re kgosi Dafita a utlwa tsotlhe tseo, a tuka bogale thata. Mme a se ka a utlwisa mowa wa ga Amenone morwawe botlhoko, gonne o ne a mo rata, ka e le morwawe yo mogolo.
22
Mme Abesalomo a se ka a bua sepe le Amenone, le fa e le tse di bosula gongwe tse di molemo, ka Abesalomo a ne a tlhoa Amenone ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go gatelela Thamare kgaitsadie.
23
E rile dinyaga di le pedi di sena go feta, Abesalomo a dira letsema la go beola dinku kwa Baale-Hasore yo o bapileng le Eferaime; a ba a laletsa bana botlhe ba kgosi.
24
A ba a ya kwa kgosing, a ya a re: “A ko o bone, motlhanka wa gago o na le babeodi ba dinku. Ka thapelo, a kgosi le batlhanka ba yona ba ye le motlhanka wa gago.”
25
Mme kgosi ya fetola Abesalomo ya re: “Nnyaya tlhe morwaaka, a re se ka ra ya rotlhe gore re se go imele.” Mme a e rapela thata, fela ya se ka ya rata go tsamaya, mme ya mo tsamaisa sentle.
26
Ke fa Abesalomo a re: “Fa go sa nne jalo, ka thapelo a Amenone mogolole a ye le rona.” Mme kgosi ya mo fetola ya re: “A eleng le lona?”
27
Fela ya re Abesalomo a e rapela thata, ya laela Amenone le bana botlhe ba kgosi go ya nae. Mme Abesalomo a dira moletlo o o tshwanang le moletlo wa kgosi.
28
Mme Abesalomo o ne a laetse batlhanka ba gagwe a re: “Lo tle lo ele tlhoko, fa Amenone a sena go tlhapelwa, ke tla lo raya ke re: ‘Itayang Amenone!’ Foo lo mmolae! Lo se boife! Kana ke nna ke lo laetseng jalo. Tiang lo nne pelokgale.”
29
Batlhanka ba ga Abesalomo ba direla Amenone jaaka Abesalomo a ba laetse. Ke fa bana botlhe ba kgosi ba nanoga, ba palama meboulwe ya bone, ba tshaba.
30
Ya re ba le mo tseleng, mokgosi wa fitlha kwa go Dafita ga twe: “Abesalomo o bolaile bana botlhe ba kgosi. Ga go a sala ope wa bone.”
31
Foo kgosi ya nanoga ya ikgagola diaparo, ya namalala fa fatshe; le batlhanka botlhe ba yona ba ba emeng fa go yona ba ikgagola diaparo.
32
Ke fa Jonatabe morwa Šimea, mogoloa Dafita a simolola go bua a re: “A morena wa me a se gopole gore go bolailwe makau otlhe, e bong bomorwa kgosi; gonne go sule Amenone a le esi fela. Kana mo sefatlhegong sa ga Abesalomo go ne go bonala pusoloso go tloga ka letsatsi le Amenone a gateletseng Thamare kgaitsadie ka lone.
33
Jaanong he, a kgosi morena wa me a se gopole gore go sule bomorwa kgosi botlhe. Nnyaya, go sule Amenone a le esi fela.”
34
Mme Abesalomo a tshaba. Jaanong ya re lekau le e leng motlhodi le tsholetsa matlho le leba, la bona batho ba bantsi ba tsamaya ba tlhaga ka tsela e e fa morago ga lone fa thoko ga thaba.
35
Ke fa Jonatabe a raya kgosi a re: “Bona, bomorwa kgosi ba e tla. Go ntse jaaka motlhanka wa gago a buile.”
36
Mme ya re a sena go bua jalo, ba bona bomorwa kgosi ba tla, ba tlhatlosa mantswe, ba lela; kgosi le yona le batlhanka botlhe ba lela ka selelo se segolo thata.
37
Abesalomo ene o ne a tshabile, a ile kwa go Thalemai morwa Amihure, kgosi ya Kesure. Mme Dafita a hutsafalela morwawe ka malatsi otlhe ao.
38
Ya re Abesalomo a sena go tshabela kwa Kesure, a nna teng dinyaga di le tharo.
39
Mme mowa wa kgosi Dafita wa tlhologelelwa thata go ya kwa go Abesalomo; gonne o ne a khutlile go hutsafalela Amenone jaaka a sule.
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24