bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Samuel 9
2 Samuel 9
Tswana Setswana 1970
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 10 →
1
Dafita o kile a botsa a re: “A go sa ntse go le mongwe yo o setseng wa losika lwa ga Saule? Fa a le teng, ke tla mo direla ka bopelotlhomogi ka ntlha ya ga Jonathane.”
2
Go ne go le motlhanka wa lelapa la ga Saule, leina la gagwe e le Siba; ba mmiletsa kwa go Dafita. Kgosi ya mmotsa ya re: “A ke wena Siba?” A araba a re: “Ke nna motlhanka wa gago.”
3
Kgosi ya ba ya botsa ya re: “A ga go tlhole go na le ope wa lelapa la ga Saule gore ke tle ke dirafatse bopelotlhomogi jwa Modimo mo ge ene.” Siba a araba kgosi a re: “Go sa le morwa Jonathane yo o golafetseng maoto.”
4
Kgosi ya mmotsa ya re: “O kwa kae?” Siba a araba kgosi a re: “O mo lapeng la ga Magire morwa Amiele kwa Lotebare.”
5
Ke fa kgosi Dafita a roma motho go ya go mo tsaya kwa lapeng la ga Magire, morwa Amiele kwa Lotebare.
6
Jaanong ya re Mefibosethe morwa Jonathane morwa Saule a fitlha kwa go Dafita, a wela fa fatshe ka sefatlhego, a ikoba. Mme Dafita a re: “Mefibosethe!” A araba a re: “Bona, motlhanka wa gago o fano.”
7
Dafita a ba a mo raya a re: “Se boife, gonne ruri ke tla go direla ka bopelotlhomogi ka ntlha ya ga Jonathane rraago, ke go busetsa naga yotlhe ya ga Saule rraago (mogolo). Wena ka wesi o tla ja dijo fa lobating lwa me ka gale.”
8
A ba a ikoba a re: “Motlhanka wa gago ke eng, mo o ntlhokomelang ke le ntšwa e e suleng?”
9
Kgosi ya boa ya bitsa Siba modiredi wa ga Saule, ya mo laela ya re: “Tsotlhe tse e neng e le tsa ga Saule le tsa botlhe ba lapa la gagwe ke di neile morwa mong-wa-go.
10
Mo lemele masimo, wena le bomorwao le batlhanka ba gago, o be o kotule gore e nne dijo tsa ba lapa la mong-wa-go, ba di je, mme Mefibosethe morwa mong-wa-go o tla nna a ja dijo fa lobating lwa me ka gale.” Siba o ne a na le bomorwa ba le 15 le batlhanka ba le 20.
11
Siba a araba kgosi a re: “Motlhanka wa gago o tla dira tsotlhe fela jaaka kgosi morena wa me a laetse.” Mme Mefibosethe a nna a ja fa lobating lwa ga Dafita jaaka mongwe wa bomorwa kgosi.
12
Mme Mefibosethe o ne a na le morwa yo monnye, leina la gagwe e le Miga. Botlhe ba ba neng ba agile mo ntlong ya ga Siba e ne e le batlhanka ba ga Mefibosethe.
13
Mefibosethe o ne a nna mo Jerusalema, a ntse a ja lobating lwa kgosi ka gale, a golafetse maoto a mabedi.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24