bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
2 Samuel 4
2 Samuel 4
Tswana Setswana 1970
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 5 →
1
E rile Isebosethe morwa Saule a utlwa gore Abenere o swetse kwa Heberone, a kgobega marapo, le Baiseraele botlhe ba tshoga.
2
Jaanong Isebosethe morwa Saule o ne a na le banna ba le babedi, e le balaodi ba bathopi. Leina la yo mongwe e le Baana, leina la wa bobedi e le Regabe, e le bomorwa Rimone wa Mobenyamene wa kwa Beerothe; kana le Beerothe o kaiwa wa Babenyamene.
3
Mme ba Beerothe ba ne ba tshabetse kwa Kithaime, ba nna teng ka bofaladi go fitlha letsatsing leno.
4
Jonathane morwa Saule o ne a na le ngwana wa mosimane, a golafala maoto a le dinyaga di le tlhano, fa mafoko a tswa kwa Iserele ka ga loso lwa ga Saule le Jonathane. Ya re mmelegi wa gagwe a mmelega, a tshaba ka go potlaka, mosimane a wa a golafala jalo. Leina la gagwe e ne e le Mefibosethe.
5
Jaanong bomorwa Rimone wa kwa Beerothe, e bong Regabe le Baana, ba ya ba fitlha kwa ntlong ya ga Isebosethe go le bolelo, mme ene a bo a robetse boroko jwa motshegare.
6
Ba tsena kwa teng ga ntlo, ba re ba tsaya mabele, mme ba mo tlhaba mo mpeng. Jaanong Regabe le Baana morwa-rraagwe ba tshaba.
7
Kana ba ne ba tsenye mo ntlong, ene a ntse a robetse mo bolaong mo ntlwaneng ya gagwe ya borobalo, ba mo tlhaba ba mmolaya, ba mo kgaola tlhogo, ba tsaya tlhogo ya gagwe, ba tsamaya bosigo jotlhe, ba ralala Lebala la Joretane,
8
ba isa tlhogo ya ga Isebosethe kwa go Dafita kwa Heberone, ba feta ba raya kgosi ba re: “Tlhogo ya ga Isebosethe morwa Saule mmaba wa gago ke e yo o neng a rata go go bolaya. Mme Morena o neile kgosi mong wa rona dipusoloso kajeno mo go Saule le mo losikeng lwa gagwe.”
9
Mme Dafita a fetola Regabe le Baana morwa-rraagwe bomorwa Rimone wa kwa Beerothe, a ba raya a re: “Ka bophelo jwa Morena yo o nkgolotseng mo tlalelong yotlhe!
10
Ene yole yo o kileng a mpegela a re: ‘Itse gore Saule o sule!’ a ikaya mmegi wa mafoko a boitumelo, a lebeletse gore ke mo nee tuelo, ka mo tshwara, ka mmolaya kwa Sitlage.
11
Bogolo jang, lona banna ba baikepi ba lo bolaileng monna yo o siameng mo ntlong ya gagwe a le mo bolaong jwa gagwe, ke na le go lo nyeletsa mo lefatsheng!”
12
Mme Dafita a laela makau jalo; a ba bolaya, a ba kgaola diatla le maoto, a ba pega fa letsheng mo Heberone; a tsaya tlhogo ya ga Isebosethe, a e fitlha mo phupung ya ga Abenere gona mo Heberone.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24