bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Amos 1
Amos 1
Tswana Setswana 1970
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 2 →
1
1 Mafoko a ga Amose yo e neng e le mongwe wa barui ba dinku kwa Thekoa, a tse o di bonyeng ka ga Iseraele mo metlheng ya ga Usia, kgosi ya Juta, le mo metlheng ya ga Jerobeame, morwa Joase, kgosi ya Iseraele, dinyaga tse pedi pele ga thoromo ya lefatshe.
2
O buile a re: “Morena o tla duma go tswa Sione, a utlwatsa kodu ya gagwe go tswa Jerusalema; mafulo a badisa a tla swaba, setlhoa sa Karemele se omelela.”
3
Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Damaseko, le fa e le a mararo fela. Gonne ba phothile ba Gileate ka meotlwana ya ditshipi.
4
Mme ke tla latlhela molelo mo ntlong ya ga Hasaele gore o je matlo a borena a ga Benehatate.
5
Ke tla roba diphemelo tsa Damaseko, ke nyeletsa baagi ba lebala la Awene, le kgosi e e tshotseng thobane ya bogosi mo Beth-Etene, mme morafe wa Siria o tla thopiwa, o isiwa kwa Kire.” Morena o buile jalo.
6
Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Gasa, le fa e le a mararo fela, ka ba thopile batho botlhe, e le go ba neela Etomo.
7
Mme ke tla latlhela molelo mo loboteng lwa Gasa gore o je matlo a borena a teng.
8
Ke tla nyeletsa baagi ba Ašetote le kgosi e e tshotseng thobane ya bogosi mo Ašekalone, ke be ke ntsha letsogo go itaya Ekerone gore go latlhege masalela a Bafelesita.” Morena Modimo o buile jalo.
9
Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Tiro, le fa e le a mararo fela. Gonne ba neetse Etomo batshwarwi botlhe, ba sa gopole kgolagano ya bana ba motho.
10
Mme ke tla latlhela molelo mo loboteng lwa Tiro gore o je matlo a borena a teng.”
11
Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Etomo, le fa e le a mararo fela. Gonne o lateletse morwa-rraagwe ka tšhaka, a latlha bopelotlhomogi jotlhe jwa gagwe, a nna a mo senyetsa ka bogale jwa gagwe, a mo tlhoela ruri.
12
Mme ke tla latlhela molelo kwa Themane gore o je matlo a borena a Bosera.”
13
Morena o bua jaana a re: “Ga nkitla ke thibela petso ka ntlha ya maleo a le mane a Baamone, le fa e le a mararo fela. Gonne ba segakile basadi ba Gileate ba baimana dimpa, gore ba sutise molelwane wa bone.
14
Mme ke tla tshuba molelo mo loboteng lwa Raba gore o je matlo a borena a teng, go ntse go tlhajwa mokgosi ka letsatsi la tlhabano, phefo e ntse e foka thata ka letsatsi la ledimo.
15
Mme kgosi ya bona e tla isiwa mo botshwarong mmogo le dikgosana tsa yona.” Morena o buile jalo.
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 2 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9