bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Amos 6
Amos 6
Tswana Setswana 1970
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 7 →
1
A tatlhego ya bone wee ba ba ikgodisetsang Sione, ba ba ikanyang thaba ya Samaria! Ba e leng ditlhogo tsa moeteledi pele wa ditšhaba, ba ba okameng Baiseraele.
2
Tshelelang kwa Kalene, lo ye go bona; lo tswe teng lo ye kwa Hamathe yo mogolo, lo be lo ye kwa Gathe wa Bafelesita. A ga ke re, ba phala magosi ano! A ga ke re, mafatshe a bone a atlhame bogolo go a lona!
3
Lona ba lo reng lo kgakala le letsatsi le le bosula, mme lo atametsa tshiamololo gore e nnele ruri;
4
ba lo rapamang mo malaong a dinaka tsa ditlou, lo itshidila mo “disofeng” tse di boleta, lo ja dikwana tsa letsomane le dinamane tse di tswang mo lesakeng;
5
ba lo opelang dipina tsa boeleele le medumo ya harepa; lo itlhoma lo itiretse diletso jaaka Dafita;
6
ba lo nwang weine ka megotšwana ya ditshupelo; lo tlôla lookwane lo lo tlhaotsweng, mme lo sa utlwele tshenyego ya Josefa botlhoko;
7
ke ka moo lo tla isiwang mo botshwarong jaanong, lo etelela batshwarwi pele; mme tlhapelo ya ba ba rapameng mo malaong e tla khutla.
8
Morena Modimo o ikanne ka bophelo jwa gagwe, go bua Morena, Modimo wa masomosomo, a re: “Ke tenwa ke boikgodiso jwa Jakobe, ke ila matlo a borena a bone; ke ka moo ke latlhang motse le tsotlhe tse di mo go ona.”
9
Mme le fa go ka sala banna ba le some mo ntlong e le nngwe, ba tla swa.
10
Jaanong fa wa ga gabo moswi yo o mo fisang a mo tsaya go tlosa setoto mo ntlong, a raya yo o kwa tengteng ga ntlo a re: “A o sa ntse o na le yo mongwe?” Mme yoo a araba a re: “Ba feleletse,” foo mofitlhi o tla re: “Didimala o re tu! Leina la Morena le se ka la umakiwa.”
11
Gonne bonang, Morena o tla laola gore ntlo e kgolo e itewe, e phatlakanngwe, le ntlo e nnyane e itewe, e thubaganngwe.
12
A dipitse di ka siana mo mafikeng? Gongwe a lewatle le ka lengwa ka dipholo? Gonne lo fetotse katlholo mogau, le leungo la tshiamo lo le fetotse longana.
13
Lona ba lo thabelang motse wa “Se-e-seng-sepe”, lo re: “A ga re a thopa wa Karenaime ka thata ya rona?”
14
Gonne bonang, lona Baiseraele, go bua Morena, Modimo wa masomosomo, a re: “Ke tla lo tsosetsa setšhaba se se tla lo pitlaganyang go simolola ntlheng ya Hamathe le go fitlha kwa molapong wa sekaka.”
← Chapter 5
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 7 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9