bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Amos 4
Amos 4
Tswana Setswana 1970
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 5 →
1
Utlwang lefoko le, lona dikgomo tse dinamagadi tsa Basane tse di mo thabeng ya Samaria; lona ba lo gatelelang batlhoki, ba lo pitlaganyang bahumanegi, ba lo rayang beng ba lona lo re: “Tlisang re nwe!”
2
Morena Modimo o ikanne ka boitshepo jwa gagwe gore: “Malatsi a tla lo tlela a ba tla lo tlosang ka ona ka dikobe, le ba ba setseng mo go lona ka dikobe tsa motshwara-ditlhapi.
3
Lo tla tswa lo gapilwe, mosadi mongwe le mongwe a tlhamaletse fela kwa a isiwang teng, lo latlhelwa kwa Haremona,” go bua Morena.
4
“Tlayang kwa Bethele, lo leofe, le kwa Gilegala, lo leofele pele; tlisang ditlhabelo tsa lona mo mesong yotlhe, le dikarolo tsa bosome tsa lona ka letsatsi la boraro lengwe le lengwe.
5
Tshubang he tshupelo ya tebogo ya tse di bedisitsweng, lo tlhabe mokgosi wa ditlhabelo tse di ntshiwang ka bopelotshweu, lo di bege; gonne ke se lo se ratang, lona Baiseraele,” go bua Morena Modimo.
6
“Jaanong le fa ke lo nnisitse ka legano le se botlhoko mo metseng yotlhe ya lona, ka lo tlhokisa dijo mo mafelong otlhe a lona, ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.
7
“Le fa ke lo ganetse ka pula, ka go sa le dikgwedi di le tharo go fitlha thobong, ka e nesetsa motse mongwe, mme ka se ka ka e nesetsa motse o mongwe; tshimo nngwe ya nesediwa pula, mme tshimo e ke sa e nesetsang pula, ya swaba.
8
Le fa ba metse e mebedi gongwe e meraro ba ne ba totobela kwa motseng o le mongwe gore ba nwe metsi, mme ba se ka ba nyorologa, ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.
9
“Ke lo beditse ka phori le ka mongadule mo mabeleng; le gona tsie e jele masimo a lona le masimo a meweine a lona le ditlhare tsa difeie le tsa diolefa tsa lona gantsi, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.
10
“Ke rometse leroborobo mo go lona jaaka kwa Egepeto, ka bolaya makau a lona ka tšhaka; dipitse tsa lona tsa thopiwa, ka tlhatlosa sebodu sa bothibelelo jwa lona, sa ba sa lo nkgela mo dinkong tsa lona, mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.
11
“Ke ne ka ribegetsa bangwe ba lona jaaka Modimo o kile wa ribegetsa Sotoma le Gomora, lwa nna jaaka motswaiso o o swatotsweng mo molelong; mme ga lo a ka lwa boela kwa go nna,” go bua Morena.
12
“Ke ka moo ke tla lo direlang jaana, lona Baiseraele; jaanong e re ka ke tla lo direla jaana, iketleeletseng go kgatlhantsha Modimo wa lona, lona Baiseraele.”
13
Gonne bonang, ene yo o bopang dithaba, a tlhola phefo, a itsise batho maikaelelo a gagwe, a dira mahube le lefifi, a gata mo mafelong a a kwa godimo a lefatshe: Leina la gagwe ke Morena Modimo wa masomosomo.
← Chapter 3
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 5 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9