bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Isaiah 21
Isaiah 21
Tswana Setswana 1970
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 22 →
1
Taelo ya Modimo ka ga sekaka se se fa lewatleng. Go tswa sengwe kwa sekakeng, kwa lefatsheng le le boitshegang, se se tshwanang le ledimo le le fokang kwa borwa.
2
Ke bontshitswe pono e e thata: Senokwane se a thukhutha, mosenyi o a senya! Elame, bolola! Media, dikaganyetsa ka ntwa! Ke tla fedisa phegelo yotlhe.
3
Ke gona ka moo letheka la me le tletseng botlhoko jaaka e kete ke segwa ke metlotsedi ya mosadi yo o belegang. Ke obegile mo ke bileng ke sa utlwe, ke tshogile mo ke bileng ke sa bone.
4
Pelo ya me e tshwerwe ke sedidi le therego, mo e bileng maabanyane a a monate mo go nna a mphetogela letshogo.
5
Go baakanngwa bojelo, go alwa diphate; go a jewa, go a nowa. Emang, lona dikgosana, tshasang dithebe!
6
Gonne Morena o buile le nna jaana a re: “Yaa o bee setlhodi. Se se tla se bonang a se se bege.
7
Fa se bona setlhopha sa bapalami ba dipitse, ba tla ba bapile ka bobedi le bobedi, le bontsi jwa diesele le bontsi jwa dikammele, a se tlhokomele ka tlhokomelo e kgolo!”
8
Ke fa se kua jaaka tau se re: “Morena, ke tlhola ke eme mo seraleng motshegare, ke lala ke ntse ke tlhola masigo otlhe!
9
“Bonang, go tla lesomo la banna, bapalami ba dipitse ba bapile ka bobedi le bobedi.” Sa ba sa kua sa re: “Babele o ole, o ole! Ditshwantsho tsotlhe tsa medimo ya teng ba di phatlakantse fa fatshe.”
10
Wena morafe wa me o o phothilweng o o gatakilweng jaaka mabele: Tse ke di utlwileng mo Moreneng wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, ke di lo itsisitse.
11
Taelo ya Modimo ka ga Duma. Ba ntlhaeletsa ba le kwa Seire ba re: “Molebeledi, bosigo bo tla sa leng? Molebeledi, bosigo bo tla sa leng?”
12
Molebeledi a re: “Moso o tlile, bosigo le jona. Fa lo rata go botsa, boang lo botse gape!”
13
Taelo ya Modimo ka ga Arabia. Lalang mo sekgweng sa Arabia, lona ditlhopha tsa batsamai ba Detane.
14
Kgatlhantshang ba ba nyorilweng ka metsi, lona baagi ba lefatshe la Thema. Fang batshabi dijo.
15
Gonne ba tshaba ditšhaka, e bong ditšhaka tse di somotsweng le mara a a laetsweng le poitshego ya tlhabano.
16
Gonne Morena o ntheile jaana a re: “E tla re sebaka se se lekanyeng le dinyaga tsa motlhabani se ise se fele, kgalalelo yotlhe ya Ketare e bo e fedile.
17
Mme palo ya bagale ba Ketare ba ba setseng ba ba hulang ka bora e tla nna potlana, gonne Morena, Modimo wa Iseraele, o buile jalo.”
← Chapter 20
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 22 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52
53
54
55
56
57
58
59
60
61
62
63
64
65
66