bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Isaiah 9
Isaiah 9
Tswana Setswana 1970
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 10 →
1
Mme lefifi ga le nke le nnela ruri, fa tlalelo e leng teng jaanong. Mo metlheng ya pele o dirile lefatshe la Sebulone le lefatshe la Nafetale le le nyatsegang, mme mo metlheng e e tlang o tla tlotla tsela e e yang kwa lewatleng le boseja jwa Joretane le Galelea wa ditšhaba.
2
Batho ba ba sepelang mo fifing ba bonye lesedi le legolo; ba ba agileng mo lefatsheng la moriti wa loso, lesedi le ba phatsimetse.
3
Ò ntsifaditse meduduetso, ò godisitse boitumelo; ba thabile fa pele ga gago jaaka go itumelelwa thobo; ba duduetsa jaaka fa go abelanwa thopo.
4
Gonne ò robile joko e e neng e ba imela, le thupa e e neng e otla magetla a bone le thobane ya mopatiki wa bone jaaka mo letsatsing la Midiane.
5
Gonne ditlhako tsotlhe tsa batlhabani tse ba tsamayang ka tsona di tlhodia, le dikobo tse di bidikantsweng mo mading di tla fisiwa, di jewa ke molelo.
6
Gonne ngwana re mo tsaletswe, morwa re mo neilwe, mme puso e tla nna mo legetleng la gagwe, mme o tla bidiwa “Mogakolodi yo o gakgamatsang, Modimo o o thata, Rara yo o sa khutleng, Kgosi ya kagiso;”
7
gore a godise puso, mme kagiso e se ka ya fela mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita le mo bogosing jwa gagwe, gore a bo tlhomamise le go bo tshegetsa ka tshiamo le ka tshiamiso go tloga jaanong go ya bosakhutleng. Tlhoafalo ya Morena wa masomosomo e tla dirafatsa jalo.
8
Morena o rometse lefoko kwa go Jakobe, la fitlha mo go Iseraele,
9
mme morafe otlhe o tla le itse, e bong Eferaime le baagi ba Samaria, ba ba buang ka pelafalo le ka boikgodiso jwa pelo ba re:
10
“Diekana tse di besitsweng di wele, mme re tla ba re aga ka majwe a a betlilweng; megokare e remilwe, mme re tla tlhoma mesetere mo boemong jwa yona.”
11
Mme Morena o tla nonotsha mephato ya ga Resine gore e ba fenye; o tla tlhotlheletsa baba ba bone.
12
Basiria ba tla tswa kwa botlhabatsatsi, Bafelesita ba tswa kwa bophirimatsatsi, ba ja Iseraele ka magano a a atlhameng. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile.
13
Mme morafe ga o sokologele kwa go yo o ba betsang; Morena wa masomosomo ga ba mmatle.
14
Mme Morena o tla nyeletsa tlhogo le mogatla, kala ya mokolane le motlhatlha mo Iseraeleng ka letsatsi le le lengwe.
15
Banna ba bagolo le batlotlegi ke bone tlhogo; baporofeti le baruti ba maaka ke bone mogatla.
16
Bagogi ba morafe o, ba fetogile batimetsi; bagogwi ba ona ke ba ba latlhegang.
17
Ke gona ka moo Morena a sa itumeleleng makau a bone, a sa utlwele masiela le batlholagadi ba bone botlhoko; gonne botlhe ke baikepi le basenyi fela. Melomo yotlhe e bua bosilo fela. Le fa go ntse jalo, bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile.
18
Gonne boikepo bo tuka jaaka molelo o o jang mesu le ditshetlho; bo tshuba dikhu, di be di tlhatloga e le dipinagare tsa musi.
19
Bogale jwa Morena wa masomosomo bo tshubile molelo, morafe e kete o jewa ke molelo; ga go ope yo o rekegelang mongwe-ka-ene.
20
Ba tla natha ntlheng ya le le jang, mme ba ntse ba bolawa ke tlala; ba ja ntlheng ya la molema, mme ba sa kgore. Mongwe le mongwe o tla ja nama ya letsogo la gagwe.
21
Manase o tla ja Eferaime, Eferaime a ja Manase, mme ba babedi bao ba ja Juta mmogo. – Le fa go ntse jalo bogale jwa gagwe ga bo a fela; letsogo la gagwe le sa ntse le otlologile.
← Chapter 8
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 25
Chapter 26
Chapter 27
Chapter 28
Chapter 29
Chapter 30
Chapter 31
Chapter 32
Chapter 33
Chapter 34
Chapter 35
Chapter 36
Chapter 37
Chapter 38
Chapter 39
Chapter 40
Chapter 41
Chapter 42
Chapter 43
Chapter 44
Chapter 45
Chapter 46
Chapter 47
Chapter 48
Chapter 49
Chapter 50
Chapter 51
Chapter 52
Chapter 53
Chapter 54
Chapter 55
Chapter 56
Chapter 57
Chapter 58
Chapter 59
Chapter 60
Chapter 61
Chapter 62
Chapter 63
Chapter 64
Chapter 65
Chapter 66
Chapter 10 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24
25
26
27
28
29
30
31
32
33
34
35
36
37
38
39
40
41
42
43
44
45
46
47
48
49
50
51
52
53
54
55
56
57
58
59
60
61
62
63
64
65
66