bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Luke 13
Luke 13
Tswana Setswana 1970
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 14 →
1
Go ne go le bangwe teng ka yona nako eo, ba mmegela ka ga Bagalelea ba Pilato o tlhakantseng madi a bone le ditlhabelo tsa bone.
2
Jesu a ba araba a re: “A lo itlhoma gore Bagalelea bao e ne e le baleofi go feta Bagalelea botlhe, ka ba bolailwe jalo?
3
Ke lo raya ke re: Nnyaya; mme fa lo sa sokologe, le lona lo tla nyelela jalo lotlhe.
4
Gongwe ba ba 18 ba turio e ba wetseng kwa Siloame, ya ba bolaya, a lo itlhoma gore ba ne ba le molato go feta batho botlhe ba ba agileng mo Jerusalema?
5
Ke lo raya ke re: Nnyaya; mme fa lo sa sokologe, le lona lo tla nyelela fela jalo lotlhe.”
6
A ba a bua ka setshwantsho se se reng: “Motho mongwe o ne a na le mofeie, o tlhomilwe mo tshimong ya gagwe ya moweine. Jaanong a tla a batla maungo mo go ona, mme a a tlhoka.
7
A raya molemi wa tshimo a re: ‘Bona, ke dinyaga tse tharo, ke ntse ke tla ke batla maungo mo mofeieng o, mme ke a tlhoka. O reme! O jelang lefatshe fela?’
8
Ene a mo araba a re: ‘Morena, o o lese le ka ngwaga ono, ke tle ke o o lemele, ke tsenye letshotelo.
9
Motlhaope o tla ungwa isago; fa go sa nne jalo, o ka o rema.’ ”
10
A bo a ruta mo senagogeng sengwe ka Sabata.
11
Teng ga bo go le mosadi yo o neng a na le mowa wa bolwetse dinyaga di le 18, a hutaganye, a palelwa gotlhe ke go ikinamolola.
12
Ya re Jesu a mmona, a mmitsa, a mo raya a re: “Mosadi, o golotswe mo bolwetseng jwa gago.”
13
A ba a mmaya diatla; mme ka bonako mosadi a inamologa, a ba a galaletsa Modimo.
14
Ke fa molaodi wa senagoge a gakatsega, ka Jesu a fodisitse ka Sabata, a raya batho a re: “Go malatsi a le marataro a go tshwanetseng ga dirwa ka ona; tlaang lo fodisiwe ka ona, e seng ka letsatsi la Sabata.”
15
Morena a mo araba a re: “Baitimokanyi ke lona! Mongwe le mongwe wa lona a ga a ke a golola kgomo ya gagwe gongwe esele fa segopong ka Sabata, a ya go e nosa?
16
Mme yo e leng morwadia Aborahame, yo Satane o ntseng a mo golegile dinyaga di le 18, gopola, a o ne a sa tshwanela go gololwa mo kgolegong e ka letsatsi la Sabata?”
17
Ya re a bua dilo tse, baganetsi botlhe ba gagwe ba tlhajwa ke ditlhong; mme batho botlhe ba itumela ka ntlha ya tsotlhe tsa kgalalelo tse di dirwang ke ene.
18
Ke fa a re: “Puso ya Modimo e tshwana le eng? Ke tla e bapisa le eng?
19
E tshwana le tlhaka ya peo ya mmasetete, e motho o e tsereng, a e jwala mo tshimong ya gagwe. Ya gola, ya tswa setlhare, mme dinonyane tsa loapi tsa ba tsa aga mo dikaleng tsa sona.”
20
A boa a bua gape a re: “Puso ya Modimo ke tla e tshwantsha ka eng?
21
E tshwana le matlhabego a mosadi o a tsereng, a a tsenya mo dielong tse tharo tsa bupe, jwa ba jwa bela jotlhe.”
22
Jaanong a ralala metse le metsana, a eta a ruta, a etela kwa Jerusalema.
23
Foo mongwe a mo raya a re: “Morena, ba ba tla pholosiwang a ga ba banene?” Mme Jesu a ba raya a re:
24
“Lwelang go tsena ka mojako o o pitlaganyeng; gonne ke lo raya ke re: Ba bantsi ba tla leka go tsena, mme ba tla palelwa.
25
E tla re mong wa ntlo a sena go nanoga, a tswala mojako, lo simolole go ema ka fa ntle, lo konyakonya lobati lo re: ‘Morena, re bulele!’ a lo arabe a re: ‘Ga ke lo itse, le kwa lo tswang teng.’
26
Foo lo tla simolola go bua lo re: ‘Re ne ra ja, ra nwa fa pele ga gago, le gona o ne wa ruta mo mebileng ya rona.’
27
Mme o tla re: ‘Ke lo reile ka re: Ga ke itse kwa lo tswang teng; tlogang fa go nna lotlhe, badiri ba tshiamololo ke lona!’
28
Teng foo go tla nna selelo le phuranyo ya meno, motlhang lo bonang Aborahame le Isaka le Jakobe le baporofeti botlhe mo pusong ya Modimo, mme lona lo leleketswe kwa ntle.
29
Mme ba tla tswa kwa botlhabatsatsi le kwa bophirimatsatsi le kwa bokone le kwa borwa, ba nna fa dijong mo pusong ya Modimo.
30
Mme itseng, go na le ba morago ba ba tla nnang ba pele, e bile go na le ba pele ba ba tla nnang ba morago.”
31
Ka yona nako eo ga tla Bafarisai bangwe, ba mo raya ba re: “Tloga mono o tshabe; gonne Herote o batla go go bolaya.”
32
A ba raya a re: “Yaang lo ree phokojwe eo lo re: ‘Bona, ke kgarameletsa medemone ntle, ke dira diphodiso kajeno le kamoso, mme ka moso o mongwe ke tla wetsa.’
33
Le fa go ntse jalo ke tshwanetse go tsamaya kajeno le kamoso le ka le le latelang; gonne ga go a tshwanela gore moporofeti a bolaelwe kwa ntle ga Jerusalema.
34
“Jerusalema, Jerusalema! Wena yo o bolayang baporofeti, o kgobotletsa ba ba romilweng go wena! Ke ratile gantsi jang go phutha bana ba gago, jaaka koko e tle e phuthe dikokwana tsa yona fa tlase ga diphuka; mme lo ganne!
35
Itseng, Ntlo ya lona lo e tlogelelwa e le letlotla. Ke lo raya ke re: Ga lo kitla lo mpona go tsamae lo tle lo re: ‘A go bakwe yo o tlang mo leineng la Morena!’ ”
← Chapter 12
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 14 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24