bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Luke 15
Luke 15
Tswana Setswana 1970
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 16 →
1
Jaanong bakgethisi botlhe le baleofi ba nna ba tla go mo utlwa.
2
Mme Bafarisai le Baitsedikwalo ba ngongorega ba re: “Yo, o tshola baleofi, o ja nabo.”
3
Ke fa Jesu a ba bolelela setshwantsho se a re:
4
“Motho ke ofe mo go lona, yo e ka reng a na le dinku di le lekgolo, a timelelwa ke e le nngwe ya tsona, a se ka a tlogela tse di 99 kwa sekakeng, a latela e e timetseng go tsamaya a e bone?
5
Mme e re a sena go e bona, a e bee mo magetleng a gagwe, a itumele.
6
Mme e re a tla mo gae, a phuthe ditsala le ba ba agileng nae, a ba ree a re: ‘Itumeleng le nna; ka gonne ke bonye nku ya me e e neng e timetse.’
7
Ke lo raya ke re: Go tla nna boitumelo jalo mo legodimong ka ga moleofi a le mongwe fela yo o sokologang, bogolo go basiami ba le 99, ba go sa batlegeng tshokologo mo go bone.
8
“Gongwe mosadi ke ofe yo e ka reng a na le diselefera di le some, a latlhegelwa ke selefera e le nngwe fela, a se ka a tshuba lobone, a feela ntlo, a batla ka tlhoafalo go tsamaya a e bone?
9
Mme e re a sena go e bona, a phuthe ditsala le ba ba agileng nae a re: ‘Itumeleng le nna; gonne ke bonye selefera e e neng e ntatlhegetse.’
10
Ke lo raya ke re: Go boitumelo jalo mo baengeleng ba Modimo ka ga moleofi a le mongwe yo o sokologang.”
11
Gape a bua a re: “Motho mongwe o ne a na le bomorwa ba le babedi.
12
Yo mmotlana a raya rraagwe a re: ‘Rra, mphe kabelo ya boswa e e ntshwanetseng.’ Mme rraagwe a ba kgaoganya tse ba phelang ka tsona.
13
Morago ga malatsi a se kae morwa yo mmotlana a phutha tsotlhe, a hudugela kwa lefatsheng le le kwa kgakala; teng a senya khumo ya gagwe ka bophelo jo bo maswe.
14
Ya re a sena go senya tsotlhe, ga nna leuba mo lefatsheng leo, mme a simolola go tlhoka.
15
Jaanong a ya a ikopanya le mongwe wa baagi ba lefatshe leo. Yoo a mo romela kwa magoleng a gagwe go disa dikolobe.
16
A ba a eletsa go ikgorisa ka maungo a ditlhare a a jewang ke dikolobe, mme a se ka a fiwa ke ope.
17
Ke fa a itharabologelwa a re: ‘Barapiwa ba ga rre ba bantsi jang, ba ba nang le dijo tse dintsi, mme nna fano ke swa ka tlala.
18
Ke tla nanoga ke ya kwa go rre, ke mo raya ke re: Rra, ke leofetse legodimo le wena;
19
ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao; ntire jaaka mongwe wa batlhanka ba gago.’
20
A ba a nanoga, a ya kwa go rraagwe. “Ya re a sa ntse a le kgakala, rraagwe a mmona, a tlhomoga pelo, a taboga, a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla.
21
Morwawe a mo raya a re: ‘Rra, ke leofetse legodimo, ka ba ka leofela wena; ga ke tlhole ke tshwanela go bidiwa morwao.’
22
Mme rraagwe a raya batlhanka ba gagwe a re: ‘Akofang lo ntshe seaparo se sentlentle, lo mo apese, lo mo rwese palamonwana mo monwaneng, le ditlhako mo dinaong;
23
lo be lo tsiseng namane e e nontshitsweng, lo e tlhabe; mme a re jeng, re itumele;
24
ka gonne morwaake yo o ne a sule, mme o bile o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ Mme ba simolola go itumela.
25
“Morwawe yo mogolo a bo a le kwa tshimong. Ya re a tla a atamela ntlo, a utlwa kopelo le dipina.
26
A ipiletsa mongwe wa batlhanka, a mmotsa gore go direlwang jaana.
27
Yoo a mo raya a re: ‘Monnao o gorogile, mme rraago o tlhabile namane e e nontshitsweng, ka a mmonye a sa phela.’
28
“Ke fa a galefa, a gana go tsena. Foo rraagwe a tswa, a mo rapela.
29
Ene a araba rraagwe a re: ‘Bona, ke ntse ke go direla dinyaga tse dintsi. Ga ke ise nke ke tlole taolo ya gago; mme nna ga o ise o ke o mphe potsane gore ke itumele le ditsala tsa me.
30
Mme e rile morwao yo a tla, yo o jeleng dithuo tsa gago le diaka, wa mo tlhabela namane e e nontshitsweng.’
31
Rraagwe a mo raya a re: ‘Ngwanaka, o na le nna ka metlha, mme tsotlhe tsa me ke tsa gago.
32
Mme e ne e le tshwanelo go ipela le go itumela; ka gonne monnao yo o ne a sule, mme o tsogile; o ne a latlhegile, mme o bonywe.’ ”
← Chapter 14
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 16 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24