bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Luke 17
Luke 17
Tswana Setswana 1970
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 18 →
1
Jaanong a raya barutwa ba gagwe a re: “Dikgopiso ga di ka ke tsa thibelwa go tla; mme go latlhega yo di tlang ka ene.
2
Go ka nna botoka mo go ene, fa lolwala lo ka gokelelwa mo molaleng wa gagwe, mme a digelwa mo lewatleng, bogolo go gore a kgopise mongwe wa ba babotlana ba.
3
Itiseng! “E re fa mokaulengwe wa gago a leofa, o mo kgalemele; mme fa a ikwatlhaya, o mo itshwarele.
4
Fa a go leofela gasupa ka letsatsi, mme a boela gasupa kwa go wena a re: ‘Ke a ikwatlhaya,’ o mo itshwarele.”
5
Jaanong baapostolo ba raya Morena ba re: “Re okeletse tumelo!”
6
Mme Morena a re: “Fa lo ka bo lo na le tumelo e e kana ka tlhaka ya peo ya mmasetete, lo ne lo ka raya setlhare se sa mmurubele lo a re: ‘Kumoga o itlhome mo lewatleng!’ mme se ka lo utlwa.
7
“Ke ofe wa lona yo e ka reng a na le motlhanka yo o lemang, gongwe yo o disang, ya re a tswa kwa tshimong, a mo raya a re: ‘Akofa o tle, o nne fa dijong’?
8
Mme ga ke re, o ka mo raya a re: ‘Baakanya se ke tla lalelang ka sona, o itlame, o ntirele, ke tle ke je, ke nwe pele; mme morago ga moo o ka ja, wa nwa’?
9
A o a tle a leboge motlhanka, ka a dirile tse a di laetsweng? Ga ke gopole jalo.
10
Le lona jalo e ne e re lo sena go dira tsotlhe tse lo di laetsweng, lo re: ‘Re batlhanka ba re se nang molemo; re dirile fela se re neng re tshwanetse go se dira.’ ”
11
E rile ba etela kwa Jerusalema, a ralala naga e e fa gare ga Samaria le Galelea.
12
Ya re a tsena mo motsaneng mongwe, banna ba le some ba balepero ba mo kgatlhantsha, ba emetse kgakala;
13
ba tsholetsa mantswe ba re: “Jesu, Moruti, re utlwele botlhoko!”
14
Ya re a ba bona, a ba raya a re: “Yaang lo itshupetse baperesiti!” Ya re ba tsamaya, ba phepafala.
15
Fa jaanong mongwe wa bone a bona gore o fodisitswe, a boa, a galaletsa Modimo ka lentswe le legolo,
16
a ba a wela fa fatshe ka sefatlhego fa dinaong tsa gagwe, a mo leboga; mme yoo ya bo e le Mosamaria.
17
Mme Jesu a araba a re: “A ga go a fodisiwa ba le some? Ba ba robongwe ba kae?
18
A ga go a bonwa ope mo go bone yo o boileng go naya Modimo tlotlo, fa e se moeng yo?”
19
Jaanong a mo raya a re: “Nanoga o tsamae; tumelo ya gago e go pholositse.”
20
E rile a bodiwa ke Bafarisai gore puso ya Modimo e tla tla leng, a ba araba a re: “Puso ya Modimo ga e tle mo e ka lejwang ka matlho;
21
le gona ga ba nke ba re: ‘Bonang, ke e!’ gongwe: ‘Ke ele!’ Gonne itseng gore puso ya Modimo e teng mo go lona.”
22
A ba a raya barutwa a re: “Metlha e tla tla e lo tla eletsang go bona lengwe la malatsi a Morwa-Motho ka yona, mme ga lo nke lo le bona.
23
Ba tla lo raya ba re: ‘Bonang, ke yole!’ gongwe ‘Bonang, ke yo!’ Se tsamaeng le e seng go ba ela tlhoko.
24
Gonne Morwa-Motho, mo letsatsing la gagwe, o tla nna jaaka legadima le le gadimang, le tswa ntlheng nngwe ya legodimo, le phatsimela kwa ntlheng e nngwe.
25
Mme pele o tshwanetse go boga di le dintsi le go latlhwa ke ba metlha eno.
26
Mo malatsing a Morwa-Motho go tla nna fela jaaka go kile ga dirafala mo malatsing a ga Noa:
27
Ba ne ba ja, ba nwa, ba nyala, ba nyalwa, go tla go fitlha mo letsatsing le Noa o tsenyeng mo arekeng ka lone, mme morwalela wa tla, wa ba nyeletsa botlhe.
28
Le gona go tla nna fela jaaka go kile ga dirafala mo malatsing a ga Lote: Ba ne ba ja, ba nwa, ba reka, ba rekisa, ba tlhoma, ba aga;
29
mme ka letsatsi le Lote o duleng mo Sotoma ka lone, ga na molelo le sebabole di tswa kwa legodimong, tsa ba laila botlhe.
30
Mme go tla nna fela jalo ka letsatsi le Morwa-Motho o bonatsegang ka lone.
31
“Ka letsatsi leo, a yo o tla nnang mo godimo ga ntlo, mme di-tsa-gagwe di le ka mo ntlong, a se ka a fologa go di tsaya; le ene jalo yo o kwa tshimong, a se ke a boela kwa go tse di kwa morago.
32
Ikgakololeng tsa mosadi wa ga Lote.
33
Motho yo o batlang go boloka bophelo jwa gagwe o tla latlhegelwa ke jona; mme yo o latlhegelwang ke jona, o tla bo tsalelwa sešwa.
34
Ke lo raya ke re: Mo bosigong joo, ba le babedi ba tla re ba le mo bolaong bo le bongwe fela, mongwe a tsewe, yo mongwe a tlogelwe.
35
Basadi ba le babedi ba tla re ba sila mo felong go le gongwe, mongwe a tsewe, yo mongwe a tlogelwe.
36
Ba le babedi ba tla re ba le mo tshimong, mongwe a tsewe, yo mongwe a tlogelwe.”
37
Ke fa ba mmotsa ba re: “Kae, Morena?” A ba raya a re: “Kwa setoto se leng teng, manong a tla phuthegela teng.”
← Chapter 16
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 17
Chapter 18
Chapter 19
Chapter 20
Chapter 21
Chapter 22
Chapter 23
Chapter 24
Chapter 18 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
17
18
19
20
21
22
23
24