bible
ra
🌐 Language
English
Español
Français
Deutsch
Português
Italiano
Nederlands
Русский
中文
日本語
한국어
العربية
Türkçe
Tiếng Việt
ไทย
Indonesia
All Languages
Home
/
Tswana
/
Tswana Setswana 1970
/
Mark 11
Mark 11
Tswana Setswana 1970
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 12 →
1
E rile ba atamela Jerusalema, kwa Bethefage le Bethania, fa Thabeng ya Diolefa, a roma barutwa ba gagwe ba le babedi,
2
a ba raya a re: “Yaang kwa motsaneng o lo lebaganyeng nao; e tla re lo tsena mo go ona, lo akofe lo fitlhele eselana e golegilwe, e e iseng e ke e palangwe ke motho ope; e gololeng, lo e tsise.
3
Fa mongwe a ka lo raya a re: ‘Lo direlang jalo?’ lo re: ‘Morena o a e batla, mme o tla akofa a e busetsa kwano.’ ”
4
Ba tsamaya, ba fitlhela eselana e golegilwe fa mojako ka fa ntle mo mmileng, ba be ba e golola.
5
Bangwe ba ba emeng teng ba ba raya ba re: “Lo dirang, fa lo golola eselana?”
6
Barutwa ba ba araba jaaka Jesu a ba laetse, mme ba ba lesa.
7
Ba isa eselana kwa go Jesu, ba baya dikobo tsa bone mo go yona; mme a e palama.
8
Jaanong batho ba bantsi ba ala dikobo tsa bone mo tseleng; ba bangwe ba rema dikala mo ditlhareng, ba di ala mo tseleng.
9
Mme ba ba eteletseng pele le ba ba setseng morago ba tlhaba mokgosi ba re: “Hosana! A go bakwe yo o tlang mo leineng la Morena!
10
A go bakwe puso ya ga Rraetsho Dafita e e tlang; Hosana kwa magodimodimong!”
11
Mme Jesu a tsena mo Jerusalema, a ya kwa Tempeleng. Ya re a sena go sekaseka tsotlhe, a tswela kwa Bethania, ka e ne e setse e le nako ya maitsiboa, a na le ba ba 12.
12
Ya re kamoso ba tswa mo Bethania, a tshwarwa ke tlala.
13
Mme a bonela mofeie kgakajana kwa pele o na le matlhare, a fitlha teng a re, e tla re gongwe a fitlhele sengwe mo go ona; ya re a fitlha fa go ona, a se ka a bona sepe, fa e se matlhare fela; gonne e ne e se sebaka sa difeie.
14
Mme Jesu a tswa molomo, a o raya a re: “A go se nne ope yo o tlholang a ja leungo mo go wena le ka bosakhutleng.” Barutwa ba gagwe ba utlwa.
15
Jaanong ba fitlha mo Jerusalema; mme a tsena mo Tempeleng, a simolola go lelekela ba ba rekisang le ba ba rekang mo Tempeleng kwa ntle, a menola ditafole tsa ba ba ananyang madi, le ditulo tsa ba ba rekisang maphoi;
16
mme a se ka a letlelela ope go ralala Tempele a tshotse sepe.
17
A ba a ba ruta a re: “A ga go a kwalwa ga twe: ‘Ntlo ya me e tla bidiwa Ntlo ya thapelo ya ditšhaba tsotlhe’? Mme lona lo e dirile legaga la dinokwane.”
18
Baperesiti ba bagolo le Baitsedikwalo ba utlwa, ba be ba batla ka fa ba ka mo nyeletsang ka teng; gonne ba ne ba mmoifa, ka batho botlhe ba gakgamaletse thuto ya gagwe.
19
E ne e a tle e re go le maitsiboa a tswele kwa ntle ga motse.
20
Jaanong ya re ka moso phakela ba feta, ba bona mofeie o omeletse go tloga kwa meding.
21
Foo Petoro a gakologelwa, a mo raya a re: “Rabbi, bona mofeie o ò o hutsitseng o omeletse.”
22
Jesu a ba araba a re: “Nnang le tumelo mo Modimong.
23
Ammaaruri ke lo raya ke re: Le fa e le mang yo o rayang thaba e a re: ‘Manologa o itatlhele mo lewatleng!’ a sa belaele mo pelong ya gagwe, a dumela gore se a se buang se tla dirafala, o tla direlwa jalo.
24
Ke ka moo ke lo rayang ke re: Tsotlhe tse lo di kopang, lo rapela, le fa e ka nna eng, lo dumele gore lo di amogetse, mme lo tla di bona.
25
E ne e re fa lo rapela lo eme, lo itshwarela yo lo gopolang molato wa gagwe, gore Rraeno yo o kwa magodimong le ene a lo itshwarele ditlolo tsa lona.
26
Mme fa lona lo sa itshwarele, le ene Rraeno yo o kwa magodimong ga a nke a lo itshwarela ditlolo tsa lona.”
27
Jaanong ba fitlha gape kwa Jerusalema; ya re a tsamaya mo Tempeleng, ga tla baperesiti ba bagolo go ene, le Baitsedikwalo le bagolo ba morafe,
28
ba mmotsa ba re: “Dilo tse o di dira ka thata efe? Gongwe ke mang yo o go neileng thata ya go dira dilo tse?”
29
Jesu a ba raya a re: “Ke tla lo botsa lefoko le le lengwe fela; lo nkarabe, mme ke tla lo bolelela thata e ke dirang dilo tse ka yona:
30
Kolobetso ya ga Johane a e ne e tswa kwa legodimong, gongwe mo bathong? Nkarabang!”
31
Ba akanya mo go bone ba re: “Fa re ka re: ‘Kwa legodimong,’ o tla re: ‘Mme ke ka ntlhaang, fa lo ne lo sa mo dumele?’
32
Mme fa re ka re: ‘Mo bathong.’ ” Foo ba be ba boifa batho; gonne botlhe ba ne ba kaya Johane moporofeti tota.
33
Ba araba Jesu ba re: “Ga re itse.” Jesu a ba raya a re: “Foo le nna ga ke lo bolelele gore ke dira dilo tse ka thata efe.”
← Chapter 10
Jump to:
Chapter 1
Chapter 2
Chapter 3
Chapter 4
Chapter 5
Chapter 6
Chapter 7
Chapter 8
Chapter 9
Chapter 10
Chapter 11
Chapter 12
Chapter 13
Chapter 14
Chapter 15
Chapter 16
Chapter 12 →
All chapters:
1
2
3
4
5
6
7
8
9
10
11
12
13
14
15
16
Recommended Reading
Commentary
Mark Commentaries
→
Devotional
Mark Devotional Guide
→
Get This Bible
Tswana Setswana Study Bible
→